Breaking News

Seabe sa batsadi mo thutong ya bana se botlhokwa

01 Feb 2017

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Inalegolo, Mme Boitshoko Mokgethi o supile matshwenyego ka go tlhoka kgatlhego ga batsadi mo thutong ya bana mo go felelang go isa maduo a sekole ko tlase.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Mokgethi a re ba dirile maiteko otlhe go bontsha batsadi mosola wa thuto ka go bitsa diphuthego tsa batsadi le barutabana mme ga go nko e e tswang lemina ka go tla palo e nnye fela thata.

A re se se ngomolang pelo ke gore batsadi ba itlhophetse go nna le bana ba bone ko masimo.

O ne a supa gore tiragalo e e dira gore bana ba tsamaye sekgala se se telele ba ya ko sekoleng mme ba tsena ba lapile mo ba palelwang ke go ithuta sentle ka ntata ya letsapa. A re se se utlwisang botlhoko ke gore bontsi jwa bana ba ba nnang ko masimo ke bone gangwe le gape ba lofelang sekole.

Mme Mokgethi o ne a tlhalosa gore le fa ba laletsa batsadi gore ba tle go tsaya maduo a bana, taletso ya bone e itaya se fololetse ka go bo go kgona go tla batsadi ba le babedi fela.

O ne a supa gore seemo se, ga se a ba nyemisa moko ka ba dirile dithulaganyo tse di lolameng gore ba tokafatse maduo a bana.

O ne a kaya gore fa ditlhatlhobo tsa bana ba lekwalo la bosupa di le gaufi ba ikitaya ka thupana e le barutabana go nna le bana mo matlong a bone, se e le maiteko a go ba fa sebaka sa gore ba itlhokololetse ditlhatlhobo ba sa itewe tsebe ke sepe.

A re maiteko a a dirile gore maduo a bana ba lekwalo la bosupa a tokafale fela thata.

O supile gore sengwe gape se ba se dirang go tokafatsa maduo ke go nna le dithuto-puisanyo le bana ba sekole ka letsatsi la Laboraro go bua ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ko malwapeng.

Le fa go ntse jalo, Mme Mokgethi a re go direla mo kgaolong ke kgwetlho ka bo gone.

A re le fa puso e dirile maiteko otlhe a go tlhabolola matshelo a barutabana ba ba direlang mo dikgaolong jaaka go ba fa dikatso, boroko jwa mahala le malatsi a matlhano a boitapoloso, se ga se a lekana.

O buile ka go tlhoka dipalamo, dishopo le dibanka mo mafelong a.

O ne a tswelela a bua ka metsi a a letswai a a sa siamelang boitekanelo jwa bone ka gangwe le gape a sa siamela botsogo jwa bone.

Mme Mokgethi o supile fa ba dirile dithulaganyo tsa itloso bodutu e le maiteko a go kgothatsana le go bopa tirisano mmogo gore diemo tse di seka tsa ba kgoba marapo le go ama maduo a bone mo tirong. BOPA

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : Inalegolo

Event : Potsolotso

Date : 01 Feb 2017