Breaking News

Tirelo Setshaba e tokafatsa ditirelo

01 Feb 2017

Gore lefatshe leno le gatele pele, banana ba tshwanetse go tsenya letsogo mo go tokafatseng ditirelo tsa setshaba ba dirisa mananeo a puso jaaka Tirelo Setshaba.

Ao ke mafako a ga Rre Tshiamo Kgamanyane yo e leng mongwe wa banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba kwa Palapye.

Fa a bua mo potsolotsong, Rre Kgamanyane, yo o dingwaga di masome mararo le boraro, a re banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba le ba ba tlaa le tsenang ba tshwanetse go itse maikaelelo magolo a lone a  mangwe a one e leng go rotloetsa mowa wa boithaopo le boipelego.

O supile fa gantsi banana ba ba tsenang Tirelo Setshaba ba felela ba e phuaganya mo tseleng ka go bo ba ngongoregela dikatso, selo se a tlhalositseng fa se bolaya maikaelelo a lenaneo leo.

A re banana ka e le bone bajaboswa ba lefatshe leno, ba tshwanetse go le aga gore le gatele pele ka go tsenya letsogo fa go nang le tlhaelo ya bodiredi ba sa lebelele dikatso.

O tlhalositse fa a ne a tsena Tirelo Setshaba e le tsela ya go thusa morago ga go bona fa ditirelo tse di ntshiwang ke maphata a puso mo kgaolong ya gagwe di le bonya, sebe sa phiri e le tlhaelo ya bodiredi.

Rre Kgamanyane, yo o direlang kwa kokelwaneng ya Extension 3 kwa Palapye, a re o amule go le gontsi morago ga go tsena lenaneo leo.

A re mo dingwageng tse pedi a le mo Tirelo Setshaba a direla mo go tsa melemo, o setse a ithutile ka malwetse le melemo ya one le go nna pelotelele mo tirong.

O kaile fa se se mo itumedisang go feta e ke go bo bagolwane ba kokelwana ba ne ba mo tlhoma go nna moeteledipele (supervisor) wa banana ba Tirelo Setshaba mo kokelwaneng morago ga go bona fa a dira tiro ya gagwe ka botswapelo le kitso e e tseneletseng.

A re seo ka bonosi se supa fa a kgonne go diragatsa maikaelelo a Tirelo Setshaba, ka jalo a gwetlha banana ka ene go emela lefatshe la bone ka dinao. BOPA

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 01 Feb 2017