Bodiragatsi bo tshetsa Boikie
01 Feb 2017
Mo dingwageng tsa maloba go ne go tsewa bodiragatsi jwa diletswa jaaka katara, segaba, setinkane le tse dingwe e le selo se se dirwang fela go itlosa bodutu kgotsa go natefisa mo meletlong.
Mo malatsing a gompieno bodiragatsi jo, bo tseelwa kwa godimo ka bo kgona go tshetsa batho.
Puso e tsentse letsogo mo go ribololeng le go tsosolosa botswerere mo Batswaneng gore bangwe e nne jone jo ba itshetsang ka jone ka letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba.
Mananeo go tswa mo maphateng a a farologanyeng a go thusa badiragatsi ka madi ke bosupi jwa gore puso e tsaya botswerere tsia.
Kwa Ramokgonami mo kgaolong ya Tswapong, Rre Joseph Boikie ke mongwe wa badiragatsi ba ba tsweletseng ka go akola dikatso tsa dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona.
Rre Boikie o tlhalositse mo potsolotsong gore e ne ya re a sale mmotlana a seka a letla gore rraagwemogolo a ye ga maotwana hunyela ka botsipa jwa go letsa setinkane.
Rre Boikie, yo o dingwaga di masome mane le boraro, a re fa a tlhalefa o fitlhetse rraagwemogolo e le moletsi wa popota wa setinkane.
A re mme monnamogolo o ne a letsa setinkane fela go ba tlosa bodutu mo lwapeng gantsi fa go le maitseboa ba itisitse fa isong. A re e ne ya re go ntse go tsweletse seletswa seo sa simolola go gapa pelo ya gagwe ka bonya ka bonya.
A bolela fa rraagwemogolo le ene a ne a rata thata go bona mongwe wa bana ba bana ba gagwe a na le keletso ya go gata fa a gatileng teng.
Rre Boikie a re e ne e re fa a sa ya sekoleng a bo a nna a le gaufi le rraagwemogolo a anywa botsipa jwa go letsa setinkane.
A re e ne ya re a ntse a gola a kgaogana le rraagwemogolo a ya go direla kwa moepong wa Orapa dingwaganyana.
Rre Boikie o bolela gore e rile ka 2007 a tlogela tiro a tla go nna mo gae. A re ka jaana rraagwemogolo a ne a sa tlhole a le teng mo botshelong, o ne a nna a tsaya setinkane se rraagwemogolo a neng a se dirisa a se letsa go itlosa bodutu, e re le fa a ya go disa dikgomo a bo a tsamaya ka sone go ya go se letsa kwa madisong.
Rre Boikie o supile fa e rile ka 2010 a simolola go tsenelela dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa dikgaolwana. A re mo go simololeng ga gagwe, o ntse a tla a tswa ka tse di tsididi, a supa fa sebe sa phiri e le gore ga a ise a kgone go fetela kwa magatong a a latelang ka ntlha ya dikgwetlho tse di a bong di mo potile pele. A kaya fa monongwaga a ikaeletse go boa kgakajana mo dikgaisanyong.
Rre Boikie a re dikgaisanyo tse di botlhokwa thata ka di mo thusa go godisa neo ya gagwe e bile le dikatso tsa teng di mo thusa go itshetsa. A re ntle le go diragatsa kwa dikgaisanyong, o kgona go natefisa kwa kgotleng fa go na le mediro, a tlatsa ka go re gape bangwe ba kgona go mo hira gore a letse mo medirong e tshwana le manyalo.
Rre Boikie o ne a bua ka sefatlhego se se tletseng boitumelo gore e ne ya re ngogola fa ba seromamowa sa Botswana ba etetse motse wa bone, ba gatisa pina ya gagwe ya Somarelang ngwao. O supa fa pina eo a setse a e utlwile e tshamekwa mo seromamoweng makgetho a le mmalwa mme a bolela fa seo se mo tiisa moko mo go letseng setinkane.
Rre Boikie a re le ene o eletsa gore ngwaga o a fudugang mo lefatsheng leno a bo a tlogela mojaboswa.
A re o rurifatsa seo ka mo nakong ya gompieno go na le bangwe banana ba a ba rutang go letsa. O ne a kopa bagolo go boloka ngwao ka go e amogana le banana.
O ne a rotloetsa banana go ithuta ngwao ka tlhoafalo gore le bone ba tle ba e fetisetse kwa baneng ba bone. O ne a garela ka go gwetlha batho go ntshetsa dineo tsa bone kwa ntle ka jaana di ka ba fa botshelo jo bo melediwang mathe. BOPA
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Ramokgonami
Event : Potsolotso
Date : 01 Feb 2017






