Breaking News

Thupa e ritibatsa botlhokatsebe

01 Feb 2017

Mothusa kgosi kwa Lobatse, Mme Tshegofatso Setumo o akgoletse banana bangwe kwa Peleng go bo ba tokafaditse boitshwaro jwa bone.

A re ngogola ba amogetse dikgang tsa melato e e farologanyeng e le makgolo mabedi le lesome, mo go yone e le masome a mararo le boraro e le ya go utswa mo mabentleleng.

A re botlhokatsebe bo akaretsa bogodu jwa dithoto bo fokotsegile fela thata mo toropong; selo se a dumelang se kgonagetse ka ntata ya thupa.

Ka jalo, Mme Setumo o boletse fa bangwe ba banana ba go nna jalo ba sa tlhole ba dira melato.

O tlhalositse fa kwa lekgotleng la gagwe basimane ba belegisiwa dithupa tse di sa feteng borataro fa basetsana ba lefisiwa madi fa ba bonwa molato wa bogodu.

Mme Setumo a re se, se tsisitse phetogo e tona mo maitsholong a banana mo jaanong bangwe ba simolotseng go tsenya matsogo mo mananeong a puso go itshetsa.

Le fa go ntse jalo, Mme Setumo o tshwenyegile ka batsadi bangwe ba a reng ga ba supe boikarabelo ka go bua le bana go ba tsenya mo tseleng.

O kopile batsadi ba go nna jalo go tsisa dikgang tsa botlhokatsebe kwa lekgotleng kwa di tlaa alafiwang teng.

O ne a kopa banana go tlogela mekgwa e e maswe mme ba inaakanye le mekgatlho le mananeo a a ka ba rutang ka tsa botshelo. BOPA

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 01 Feb 2017