Breaking News

Balemi ba ikitaya ka thupana

07 Jan 2013

E re ka puso e leka bojotlhe go ntsha batho ba metse e e kgakala le ditlamelo mo lehumeng, balemi ba motse wa Tshwaane mo kgaolong ya Letlhakeng Bophirima ba ikiteile ka thupana monongwaga go lema.

E rile molemi wa monana, Mme Gakeipalele Mochelele, a bua mo potsolotsong, a tlhalosa fa kemo nokeng ya puso e bonala ka ba thusitswe ka diterekere go lema mme a bolela fa temo ya bone e ka nna ya seka ya ntsha thobo e ntsi ka dipula di netse moragong mo kgaolong ya Kgalagadi.

Mme Mochelele o tlhalositse fa dikgwetlho tse dingwe tse ba nang le tsone e le  mogote o o feteletseng le diji tse di ba apesitseng kobo ka letshoba.

O boletse fa diji tse di akaretsang dinoko di e ja dinawa tsa bone mme ba sa kgone go rekisa sepe kwa Botswana Agricultural Marketing Board.

Mongwe wa balemi kwa Tshwaane Mme Emang Makhwene o tlhalositse fa ba leka ka thata go inamola  lehuma ka go rekisa thobo ya bone kwa sekolong se sebotlana sa motse oo mme a tlhalosa fa temo ya bone ga ntsi e le e ba lemelang go ja ka e a bo e le kwa tlase.

Mme Makhwene o ne a tlhalosa fa batho ba motse oo ba sa itse thata ka mananeo a puso jaaka LIMID. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 07 Jan 2013