Breaking News

Lecheng o akola lenaneo la nyeletso lehuma

31 Jan 2017

Lenaneo la puso la go ntsha Batswana mo lehumeng   le tsweletse ka go dira sentle.

Morago ga gore puso e bolotse letsholo la go ruta le go rotloetsa Batswana go amogela le go dirisa mananeo a, maduo ke a  a itumedisang.

Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, ke mongwe wa metse e lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletseng ka go dira sentle.

Motlhala le dintlenyane tsa lenaneo la nyeletso lehuma di bonala mo banning ba motse oo ba ba neng ba seka ba nna maoto a tshupa go itirela matshelo.

Mme Baitshwaredi Kebalatetse yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro ke mongwe wa ba lenaneo la nyeletso lehuma le buseditseng seriti mo botshelong jwa gagwe.

A re pele ga a inaakanya le lenaneo leo, o ne a berekile dikonteraka di le mmalwa kwa Gaborone le Letlhakane mme go sena nko e e tswang lemina ka lemme le a neng a le amogela le ne le felela mo ganong.

E re ka motlapele a re “goo-ramotho go thebephatshwa”, Mme Kebalatetse a re o ne a tsaya tshwetso ya go boela gae kwa a neng a utlwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone e bong Rre Prince Maele.

A re mo phuthegong eo, Rre Maele o ne a ruta le go rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso mme ya nna mongwe wa ba ba neng ba tsaya mafoko ao ka tsoopedi.

O kaile fa e rile ka ngwaga wa 2013 a ne a thusiwa ka lenaneo leo go bula kgwebo ya go lema ditlhare morago ga gore a rutiwe ka temo ya ditlhare dibeke tse pedi ke ba lephata la dikgwa le ditsatlholego.

A re kgwebo ya gagwe ya go lema ditlhare tsa moriti,maungo le tse di kgabisang e e nang le dingwaga tse tharo, e dira botoka fa a e tshwantshanya le tiro ya go bereka dikonteraka e a neng a le mo go yone.

O tlhalositse fa tlhwatlhwa ya ditlhare tsa gagwe e simolola ka P20 go ya ko go P50 go tswa gore ke sa mofuta mang.

“E re le ntswa kgwebo e tsamaya ka bonya, ga go tshwane ka ke butse polokelo kwa ke latlhelang teng madi a setlhare sengwe le sengwe se se rekwang mme e bile ke kgonne go foroma ditena  tsa ntlo ya dikamore tse pedi ka madi a ditlhare” a tlhalosa jalo.

A re gape o kgonne go reka megala le tse di tlhokafalang go gokela ntlo ya gagwe motlakase.

Mme Kebalatetse a re o leboga puso go bo e tsweletse ka go bula Batswana ditlhaloganyo mme e bile e ba fa maele a go itshetsa.

Mme Mosamarea Mankga, monana wa motse wa Lecheng le ene ke mongwe wa ba ba sa kgaleng mathe mo go ganong go galaletsa mananeo a puso a tshwana le la nyeletso lehuma.

Mme Mankga yo o dingwaga di masome a mararo le boraro a re go a itumedisa go bo puso e kgonne go ntsha matlho mo dikgapheng ka go tla ka mananeo e le nngwe tsela ya go bona ba ba aperweng ke mmaba mogolo ebong lehuma.

Go hirisa tante,ditilo,dijana le matsela a ditante ke kgwebo e Mme Mankga a iphitlhelang a le mo go yone morago ga go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2013.

Mme Mankga yo e leng motsadi wa bana ba babedi a re pele ga a inaakanya le lenaneo la nyeletso lehuma, botshelo bo ne bo le bokete sebe sa phiri e le go bo a ne a tshwanetse go fepa bana ba gagwe ba babedi jaaka motsadi mme go sa kgonege ka a ne a sa bereke.

 A re go simolodisa kgwebo ya gagwe ka lenaneo la nyeletso lehuma,  puso e ne ya mo rekela tante, ditilo di le masome a matlhano, ditafole di le thataro, matsela a tante a le borataro, le dijana di le lekgolo.

O tlhalositse fa bareki ba kgwebo ya gagwe e le ba meletlo e e farologaneng e akaretsa manyalo, meletlo ya matsalo le e e faphegileng.

A re tante ya gagwe e a e hirisang ka P600 e kgonne go mo thusa go tlhokomela ba lelwapa la gagwe mme e bile a kgonne go aga ntlo ya kamore e le nngwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Lecheng

Event : Potsolotso

Date : 31 Jan 2017