Breaking News

Go ima ga bithuti kwa Shakwe go a tshwenya

31 Jan 2017

Dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole ka ntlha ya boimana di tsweletse ka go gola.

Mafoko a, a builwe ke Kgosi Kenneth Mosarwa wa Shakwe mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng.

A re go ima ga bana ba ba dingwaga di kwa tlase e sa ntse e le kgwetlho mo lefatsheng leno.

O tswelela a tlhalosa fa bana ba motse wa gagwe ba ba amilweng ke boimana e le ba sekole se segolwane ba ba dirang lokwalo lwa bobedi le la boraro.

O tswelela a tlhalosa ka gore le fa moithuti mongwe le mongwe yo o tlogelang sekole a e ka nna ka go thoba, go sa tsogeng sentle,go bereka ga bana, go bereka mo dipolaseng le botlhokatsebe kana ka go ima go a tshwenya.

A re bana ba ba tsweletseng ka go tlogela sekole ba, ba imisiwa ke borre fela ba batona ba ba nang le malwapa a bone, a tlatsa ka gore seo ke go tlhoka boikarabelo ga borre bao.

"Akanya o le rre, rre fela yo motona a imisa ngwana wa gago o ka tseega jang fela?”a botsa.

O ne a kopa borre ba ba dirang bosetlhogo joo go bo emisa ka ponyo ya leitlho ka gore Modimo o tlaa ba otlhaya.

Gape puso ya Botswana e dirile thulaganyo ya thuto ya botlhe, ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bona thuto go sa kgathalesege gore seemo sa gagwe sa itsholelo kana sa botshelo se ntse jang, a tlatsa ka gore mme borre bangwe ba tlaa folodisa maiteko a puso.
A re matshwenyego a gagwe ke gore fa batsadi ba lemoga fa ngwana a le moimana ba isa mafoko a tshenyo kwa batsading ba monna mme go se molato ka fa Setswaneng, a tlatsa ka gore go dira jalo go nna thata go tseela badiramolato dikgato tse di maleba.
O ne a supa ka gore molao wa bana o tlhalosa fela sentle gore ngwana yo ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le borataro ga a tshwanela go tlhakanela dikobo ka gore seo ke molato.
A re molao o supa gore rre yo o tlhakanetseng dikobo le ngwana yo o dingwaga di kwa tlase o ka isiwa kgolegelong botshelo jotlhe kana a betswa dithupa kana a di atlholwa tsotlhe.

Le fa go ntse jalo, kgosi a re gangwe le gape o nna a bitsa diphuthego go tla go leka go tlhalosetsa batho ka melao e, a tlatsa ka gore sebe sa phiri ke gore go tla bomme fela,bone ba ba imisang bana ga ba tle.

A re go imisa bana ba dikole ke borre bangwe go senyetsa bana bokamoso ka thuto ke yone tsela e e ka dirang gore motho a tshele botoka.  

A re ba bongaka ba supa fa boimana ja bana ba ba kwa tlase go baya botshelo jwa bone mo diphatseng ka gore mebele ya bone ga e ise e nonofele go tshegetsa losea, a tlatsa ka gore boimana joo bo ka baka loso.

“A re le batsadi re bue le bana ba rona ba ikgaphe mo tlhakanelong dikobo,”a tlhalosa.

A re batsadi ba rotloetse bana go ithuta,gape ba ba tlhome leitlho thata gore fa e le gore ngwana o tswa mo tseleng ba mo kgaleme ka pele.

Le fa go ntse jalo,a re o rotloetsa bana go ikuela kwa go ba boipelego le mapodisi gore ba kgone go tsena sekole ba phuthologile, a kaya fa thuto e ka tsisa pharologanyo mo botshelong jwa bone.

A re o dumela gore botsamaisi ja dikole bo leka go itebaganya le dikgwetlho ka mananeo a tshwana a tshidilo maikutlo, komiti ya batsadi le barutabana, go ba rotloetsa mo moeng le dithuto tsa go itshwara sentle, ka go laletsa baruti kwa dikoleng le tse dingwe.

Kgosi Mosarwa a re le fa go na le dithulaganyo tsa go nna jaana, boimana jwa bana bo tsweletse ka go nna teng ntateng ya go sa tlhokomeleng bana ga batsadi, go latlhelela dilo ga batsadi le tlhakatlhakano e e mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Shakwe

Event : Potsolotso

Date : 31 Jan 2017