Breaking News

Tumelano o akgola dikgaisano tsa ga tautona

31 Jan 2017

Puso e tsweletse ka dithulaganyo tse di farologanyeng tsa go tsholetsa itsholelo ya Batswana jaaka go tshwara dikgaisano tsa ga Tautona.

Se, se builwe ke Rre  Meshack Tumelano yo o dingwaga tse di masome a mararo le borataro yo o  tlholegang  kwa motseng wa Matsitama mo kgaolong ya Tutume, yo o itshetsang ka bodiragatsi jwa poko ya Setswana le botaki.

Rre Tumelano, yo o tlwaelesegileng ka leina la serala la Rraagwe Bajammogo, o tlhalositse mo potsolosong bosheng fa a sa ipona tsapa go dirisa mananeo a puso a dikgaisano tsa ga Tautona a a mo fileng tsela ya botshelo.

O simolotse tsa bodiragatsi ka ngwaga wa 2011 le setlhopha sa banana ba le lesome le botlhano e le bodiragatsi jwa metshameko.

A re ka ngwaga wa 2013 setlhopha se ne sa phatlalala go tsena mo ditlhopheng tse dingwe tsa mmino wa setso.

A re o ne a lemoga fa go le botlhokwa go tsena dikgaisano tseo ka ngwaga wa 2013.

Rre Tumelano a re o simolotse bodiragatsi a sena se a nang le sone mme ka poko fela o kgonne go  aga ntlo e e dikamore tse pedi le sephatlo gape a kgona le go ithekela dipodi di le lesome.

A re o ne a tswelela fela ka go dira sentle ka a ne a itlhokotsa e re fa a bopa go utlwagale, a etsa yone tshetlha ya dikgwa e e reng fa e bopa e utlwagale gore ke poo tota.

“Ke ne ke apara motseto, fa ke tsweletse ka fetola ka apara borokgwe le baki e e nang le mokwatla wa letlalo la phokoje” a tlhalosa. A re o atswitswe mo dikgaisanong tsotlhe tse a di tseneletseng mme ngwaga fa o ya bokhutlong a fitlhele a atswilwe ka dipula di le dikete di ferabongwe le makgolo a matlhano.  

  “Ka lemoga gore letsema le tsweletse ka rutuntsha banana ba le baratatro mo bodiragatsing jwa poko mo motseng wa Nata”.

Rre Tumelano a re ka ngwaga wa 2015 o ne a nna le mathata a ga mma mogolokwane fa ngwana wa bone mo setlhopheng a ne a lwala.

“Ke ne ka tswelela mme ka seka ka utlwala sentle ka go ne go le kutlobotlhoko morobana wa phoko e tona, ka letso nna ke le Mokwena ene e le morokodi wa pula yo o rokotsang poo e tona go bopa. Ra tsaya legato la boraro”, a tlhalosa.

A re ga a ka a itlhoboga ene kapesa barena sebatana sa bogosi e e reng morokodi wa pula o kgalema go utlwagale, a bope a re booh. A re mo tikologong ya bobedi a tsaya legato la ntlha jaaka go tlwaelesegile.

O tlhalositse fa  a ne a seke a baya fela mo dikgaisanong tsa ga Tautona mme a tswelela ka go bopa a bopela mekete ka go farologana.  “le tlhabile la gore re seka ra itsheega fela ka ipelegeng ntswa re na le talente.  Re tshwanetse gore re tshegetse ngwao ya rona ka mokoduwa go tsoswa o o itekang,” a tlhalosa.

O rotloetsa banana ba ba nang le kitso ya diatla ya go betla, go roka, go letsa segaba, setinkane, megoma le meropa ya setso le go letsa sevukuvuku go ema ka dinao ka a le teng poo ya tshipi go ba ruta tseo tsotlhe gore ba kgone go itshetsa.

“Fa re ka tshwaragana ra nna seopo se le sengwe re ka kgona,” a rialo. Ka Setswana se re mosele wa pula o epiwa go sale gae, Rre Tumelano a re o kgonne go lemoga modiragatsi  ko lefatsheng la South Africa yo o tlaa bong a mo rutuntsha mo pokong.

A re se e tlaa bo e le go ipaakanyetsa dikgaisano tsa ga Tautona gore e re di simologa a bo a apeile sentle ka  a tswa go anywa puo ya borre e  e apeilweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : Nata

Event : Potsolotso

Date : 31 Jan 2017