Ditlou di tlhasetse kwa Thabala
31 Jan 2017
Balemi ba masimo a Radipitso kwa motseng wa Thabala ba setse ba iphotlhere morago ga go tsenelelwa ke serapa sa ditlou kwa masimong ao bosheng.
Mo potsolotsong le BOPA, molemi kwa masimong ao, Mme Nayang Oganamang o ne a tlhalosa gore ditlou di ne tsa kgaola terata tsa tsena mo masimong a bone tsa senya temo ya bone.
O ne a re ke mongwe wa batho ba ntlha ba ba saleng ba lema mme e bile a supa fa mmidi wa gagwe o ne o setse o beile, mme ditlou di ile tsa a ja le go senya bontlha bongwe jwa tshimo ya gagwe.
O tsweletse ka go tlhalosa gore ditlou tse e ne ya re di sena go dira tshenyo eo, tsa bopelela go leba ko lwapeng ko go neng go na le mme wa dingwaga tse di fa gare le ngwana yo monnye teng.
Ditlou tse, ba tlhalosa gore di ne di dira modumo o mogolo o o ileng wa thantsha ba bangwe ba ba neng ba le ko sakeng la dikgomo.
Ba tsweletse ka go tlhalosa gore go ile ga nna le mokubukubu o mogolo fa di simolola go kobakobana le ntsa e e neng e bogola ditlou tseo mme banni ba masimo ao ba kgona go iphalotsha.
Baagi ba masimo ao ba tlhalositse fa ditlou tseo di ile tsa ba tsenya letshogo le legolo mo ba ileng ba lala ba ile go emela dikoloi ba palama bosigo ba boela gae kwa Thabala.
Mme Oganamang o tsweletse ka gore o bona a le sego ka ga di a senya gotlhe mo tshimong ka gore mokgwa wa tsone ba re fa di tsene mo tshimong di tswa di sentse go sa sale sepe.
E re le fa go ntse jalo a re ba na le letshogo la gore di ka nna tsa bowa tsa tla go senya ka gore gatwe di dupelela metsi jaaka ba na le sediba le tanka ya jojo ya metsi.
Banni ba, ba tlhalositse gore ditlou tse ga se lantlha di tla mo masimong a bone, di ne tsa tla gape ka ngwaga wa 2015 mme tsa nna tsa dira tshenyo tsa kgaola terata le go senya temo ya bone.
Ba supile gore nako ya fa di tsile ba ne ba ikuela kwa go ba lephata la diphologolo mme ba ile ba atswiwa ka madi a kana ka dipula tse di makgolo matlhano.
Ba tlhalositse fa bosheng ba kile ba di utlwalela fa masimong a Maleejane a a seng kgakala le a bone mme ba re ba eletsa go ka nna le kgato e e ka tsewang gore ditlou tse di tswe tota mo masimong a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikobo Monageng
Location : THABALA
Event : interview
Date : 31 Jan 2017






