Palapye o tsere tshwetso ka P10m
26 Jan 2017
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Palapye ba tsere tshwetso ya go reka dikatakata, bomatipane, JCB le di roller ka P10 million yo o abetsweng kgaolo.
E rile a rola tumalano ya bogogi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le boemedi jwa khansele kwa Palapye bosheng, mopalamente wa kgaolo, Rre Moisareela Goya a re o rerisantse le botlhe ba ba tlhokegang ka kgang ya madi a a abetsweng kgaolo.
O ne a tlhalosa fa tumalano e le go go dirisa P5 million go reka didirisiwa tsa ditsela, mme a a tlaa salang a tlaa dirisediwa ditiro tse di mo dikgaolwaneng tsa bokhanselera le go seegela mangwe fa thoko a a tlaa tshelang lookwane la ngwaga mo didirisiweng tseo.
Rre Goya a re fela jaaka go tsamaisiwa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le go tlopolwang ditiro ka bongwe ka bongwe, ba ya go dirisa madi ao jalo, mme a supa fa letlhoko legolo le bonetse mo mhameng wa ditsela tse di fetogileng melapo, segolo jang ka dinako tsa dipula.
O ne a supa fa gape paakanyo ya ditsela e ya go thusa boradipalamo tsa setshaba tse di mo motsing go isa batho kwa ba tshwanetseng go ya teng ka jaanong ditsela di tlaa bo di tsamaega.
A re go ka tshelwa ditsela lokgarapana le go gopiwa, fa dingwe di ka alwa ka ditena, mme tse ditona tsa letisediwa go tla go dirwa ka sekontere, ka madi ao a ya go neelwa kgaolo ngwaga le ngwaga.
Rre Goya o ne gape a re ba buisantse le khansele potlana ya bone gore e nne yone e ba tlhokomelelang didirisiwa le go ba thapela bakgweetsi ba duelwe ke khansele, mme fela di sena go letlelelwa gore di ye go dira kwa dikgaolong tse dingwe ka bangwe le bangwe ba na le madi a bone.
Rre Goya a re o ne a kopana le khansele go buisana ka dikgang tseo, mme ba ne basupa fa ba itumelela kgang, ba supa fa e le keletso ya bone go direla batho ba
Palapye ditsela mme mathata e ntse e le yone tlhaelo ya di dirisiwa.
E rile ba akgela, banni ba lebogela ditlhabololo tseo, mme ba tswa la bone ba re god irwe dilo ka kelelelo le ka tolamo.
Mothusa kgosi Rre Keetla Masogo ene o ne a re go bopiwe komiti e e tlaa tshwaraganang le khansele go tsamaisa ditiro tse di akantswe le go nna le bogakolodi mo go tse di dirwang.
Kgosi Masogo a re komiti eo e ka bopiwa ka makhanselera, VDC, bogogi jwa motse le bana ba motse ba ba nang le boitseanape jwa ditiro tsa mofuta oo.
O ne a dumelana le mafoko a mopalamente a gore go seka ga rekwa ka tsela e puso e rekang ka yone ya tendering a re e mo tsopodia mo le one madi a ka felelwang ke sebaka a ise a dirisiwe.
Rre Tefo Rakebitsang ene o ne a re go neelwe bana sebaka go seka ga thapiwa bagolo ba ba setseng ba tlogetse tiro ka bogodi go kgweetsa dikatakata.
Fa mokhanselera wa Mmaphula Botlhaba, Rre Mphoentle Kabelo ene a ne a supa fa go tlhoka tirisano mmogo e e tseneletseng le baitseanape ba ditsela gore go seka ganna le kgotlhakgotlhano ya ditlhabololo tse di setseng dile teng.
A re ditsela tsa Palapye tsa lokgarapana di boleele jwa 350 kilometres.
Dikgosi tsa Palapye, Rre Masego Olebile le Rre Michael Maforoga ba ne ba lebogela therisano eo e e saleng e simoletse ngwaga o o fetileng o ya fifing, mme ba ngongoregela go tla ka boutsana ga banni ba Palapye, ba re ba tlaa utlwa kae ka ditlhabololo tsa motse fa ba sa tle pitsong. BOPA
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 26 Jan 2017






