Breaking News

Ntwa ga se tlharabololo ya mathata

26 Jan 2017

Mothusa mookamela mapodise wa Serowe Rre Bopelo Ntatiwa o gakolotse Batswana gore fa go na le mathata a a tshwanang le a go timela ga motho ba seka ba supa ngongorego ka go baka tshenyo ka seo se ka seka sa tisa tlharabololo.

Rre Ntatiwa o buile seo mo potsolotsong le BOPA morago ga gore batho ba le masome a mane le bobedi ba tshwarelwe molato wa go baka dikgobalo le go dira tshenyo mo dithotong mabapi le kgang ya go timela ga rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro kwa Moiyabana.

A re batho bao ba bakile tshenyo e  tona ka ba thubile diokomela bagwe tsotlhe mo ofising ya kgotla, ba thubile le dikoloi tse tharo tsa mapodise ba bo ba tshuba koloi ya mothusa kgosi gone kwa motseng oo.

O boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go netefatsa gore madi a ditshenyegelo tse di dirilweng ke bokafe.

Mothusa mookamela mapodise o tlhalositse gape fa go gobetse batho bale bararo mme e le dikgobalo tse di potlana ka ba ne ba thusiwa ba bo ba ntshiwa mo kokelong gone foo.

Rre Ntatiwa a re seemo gompieno se santse se ritibetse ka ba kgonne go phathalatsa batho.

Ka jalo, o rotloeditse Batswana gore ba seka ba nna ba abelela dikgang tse ba senang boammaruri ka tsone ba buela ka fa tlhoko, e re ba na le mathata kana dingongorego ba bone ba molao.

Le fa go ntse jalo a re patlo ya rre yo o timetseng e santse e tsweletse ka jalo a kopa Batswana gore ba ba thuse, fa ele gore ba itse sengwe kana ba bone sengwe se se belaetsang ba ikopanye le mapodise a a gaufi le bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ditsietsi Lenkamile

Location : Moiyabana

Event : Potsolotso

Date : 26 Jan 2017