Breaking News

Holland o kopa balemi go tlhokomela dijwalo

25 Jan 2017

Mothusa Kgosi wa Mmadinare, Kgosi Galeage Holland, o kgothaditse balemi go tsaya temo ka tlhwaafalo.

A re balemi ba tshwanetse go tlhokomela dijwalo gore ba tle ba bone thobo e e botoka.

Kgosi Holland o ne a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la go neela banana dithata, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila.

Kgosi Holland a re 2017 o monamagadi ka jaana pula e tsweletse ka go na lefatshe ka bophara.

O ne a kgothatsa ba ba  iseng ba leme go dira jalo gore ba se ka ba salela kwa morago, mme a rotloetsa ba ba setseng ba beile ditema go  tlhokomela dijwalo ka go di tlhagolela di sale dipotlana gore ba tle ba bone thobo.

Kgosi Holland o ne a ba rotloetsa gore e re morago ga go roba ba tle go supa thobo kwa kgotleng go leboga Modimo.

Mo go tse dingwe, Rre Holland o ne a kopa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go kgalemela bana, a tlhalosa fa e rile ngogola ba nna le dikgang tse dintsi tsa go tlhoka tsebe ga banana.

Kgosi Holland a re tsholofelo ya gagwe ke gore e le ba bogosi ba ka kgona go fetola boitshwaro jwa banana ba Mmadinare ka go thusana le morafe.

E ntse e le kwa phuthegong, modulasetilo wa dikomiti tsa motse, Rre Motshegetsi Tukisi o ne a re ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mo dikolong tse di kgolwane tsa Makome  le Merementsi.

A re le go ntse jalo, go na le tse di santseng di tlhoka go tsibogelwa jaaka ditswalo tse di jelweng ke motlhwa le mehubu ya tsone.

Rre Tukisi o tsweletse a re banni ba kgotla ya Matabi le Manga ba beilwe setsha sa mabitla se ba sa bolong go lela ka sone mme a ba rotloetsa go se tlhabolola le go se agelela.

Rre Tukisia re le fa ba lebogela ditlhabololo mo motseng, ba santse ba na le letlhoko la ntlo ya borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa St Peter ka se na le bana ba ba-na-le bogole.

Mokhanselara wa Mmadinare-Robelela, Rre Sylvester Masweu o ne a rotloetsa banana go dirisa mananeo a ba a tlhametsweng go fokotsa letlhoko la ditiro.

Rre Masweu a re puso e itlamile go tsosolosa itsholelo ya Selebi Phikwe ka go ngoka dikompone tse di ikemetseng go tla go bula madirelo a a tlaa kgonang go thapa batho ba le bantsi go fokotsa manokonoko a letlhoko la ditiro.

Rre Masweu a re banana ba metse e e dikologileng Selebi Phikwe ba tshwanetse go nna ba le malala a laotswe gore e re dikompone di simolola go thapa e bo ba ka iponela mebereko. BOPA

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadinare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2017