Breaking News

Balemi ba lela ka beng ba diterekere

25 Jan 2017

Balemi ba masimo a Garamakgatlanyane gaufi le Thamaga ba lela ka beng ba diterekere ba ba reng ba ba jesetsa mo kgobedung ka ntata ya go sa ba lemela sentle.

Balemi ba buile jaana mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli.

Ba kopile gore puso e ba letlelele go ijwalela ka gore beng ba diterekere ba pitikolola mmu fela ba bo ba nyelela.

Balemi ba re ba ngongorwa ke gore go setse go le mo mpaananeng gore beng ba diterekere ba lelekile madi fela ka gore le kwa ba jwadileng teng dijwalo ga di tlhoge sentle fa tse dingwe di sa tlhoge gotlhelele mme bone ba lope mong wa tshimo gore a ba saenele dimpapiri tsa gore ba lemetswe ba ise ba netefatse gore a dijwalo di tlaa tswa jaaka go tshwanetse.

Ba re seemo se, se ba beile ka fa mosing.

Mongwe wa balemi a re ene o bone go le botoka go jwala ka seatla morago ga gore dijwalo di tlhoke go tswa fa terekere e sena go jwala.  

Bangwe jaaka, Rre Poro Seboko, ba re bone ba lemile mme ga go a tswa sepe go dule mhero fela.

Fa a tlaleletsa mo selelong seo, Mme Khola Mothebe a re, “E re le ntswa diterekere di lema, mo gongwe ga go tswe sepe mme fa go duleng teng, motlele fela o o utlwisang botlhoko.”

Ke ka moo balemi ba reng puso e tsibogele seemo ka gore ga ba ye go roba sepe ntswa dipula di nele sentle.

Fa a tswa la gagwe, Mme Watshipi Kealotswe ene o kopile mopalamente gore a kope gore puso e sekaseke ditlhwatlhwa tsa di-tswa masimong tse a reng di kwa tlase thata kwa Botswana Agricultural Marketing Board.

Legale o akgotse puso gore tlhwatlhwa ya dinawa yone e santse e le botoka.

Mo go tse dingwe, banni ba re ba bolawa ke lenyora le le maswe ntswa diphaepe tsa metsi go tswa bokone di ralala masimo a bone go ya go nosa Thamaga, Moshupa le Kanye.  

Ba re ba babaletswe ke go nwa metsi a matamo a a mo seemong se se sa siamelang botsogo jwa batho.  

Ba kopile mopalamente gape gore a ba buelele kwa pusong gore letamo la Gakgatla le ba nwang mo go lone le katololwe gore ba kgone go nwa mo go lone le loruo.

E rile a tsibogela mafoko a, Mopalamente Mmatli a bolela fa kgang ya beng ba diterekere e tshwanetse go emelwa ka dinao.

O tlhalositse gape gore tona wa temo-thuo o kile a bua gore diterekere tse di sa lemeleng batho sentle di tlaa ntshiwa mo lenaneong la go lemela batho.

Mme le fa go ntse jalo, o kopile balemi go mo fa dinomoro tsa megala tsa beng ba diterekere bao go tsibogela seemo.

Mopalamente o tsibositse banni gore go na le P10 million yo go tweng o tlaa fiwa dikgaolo tsa botlhophi e le madi a ditlhabololo.  

A re fa madi ao a ka rebolwa semmuso  o tlaa rera pele le bogogi jwa motse mme gongwe bontlha bongwe bo dirisiwe go katolola letamo go ya ka fa morafe o tlaa bong o rulagantse matlhoki a kgaolo ka teng. BOPA

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 25 Jan 2017