Banni ba batla Makgaba a rurifadiwa
25 Jan 2017
Banni ba Makgaba mo kgaolong-potlana ya Boteti botlhaba ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke gore ba sale ba tlhaloseditswe gore puso e dumalane gore motsana wa bone o tlaa rurifadiwa ka fa molaong mme nako kgolo ke eno.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.
Modulasetilo wa VDC, Rre Bawani Gosetsemang o tlhalositse fa motsana wa bone o ise o rurifadiwe, a tlhalosa fa go tlhoka go bewa motse ga Makgaba go baka gore ba seka ba kgona go akola ditlamelo le mananeo a puso a go leka go intsha mo lehumeng.
Rre Gosetsemang o boletse fa Makgaba a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya Mokubilo, a re ka jalo ditlamelo tsotlhe tse di tlhokegang ba di latela kwa Mokubilo.
A re le fa Mokubilo e le one motse o gaufi o nnang le ditlamelo, go kgakala mo banning ba bangwe ka gore bangwe ga ba na madi a sepalamo fa bangwe e le balwetse ba ba tlhokang thuso ya bongaka bogautshwane.
Go ya ka Rre Lelatisitswe, puso e dumalane gore Makgaba a nne motse ka fa molaong, a supa gore mo nakong eno kgang ya teng e kwa khuduthamageng.
Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa go rurifatsa motse go tlaa thusa banni fela thata ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang go atametsa ditlamelo mo bathong. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa ditlamelo dingwe tse motse o ka di tlhokang ke; sekole, kokelwana le kgotla.
O tsweletse ka gore go atametsa sekole mo banning go le botlhokwa fela thata ka gore thuto e tlhabolola motho, le gore bana ba ba botlana ba tlaa bona tlhokomelo ee faphegileng ya batsadi ba bone ka gore ba tlaa bo ba nna le bone.
Mo kgannyeng e nngwe, Kgosi Rebagago Kesekilwe wa Makgaba a re ba tshwenngwa ke melato ya dikgomo tse di jelang balemi dijalo mo masimong.
O kopile gore barui ba dise leruo la bone go itsa dikgotlhang gare ga bone. Kgosi Kesekilwe o tladitse ka gore go dirwe molao wa go ka atlhola barui fa leruo le sentse mo masimong.
Rre Kesekilwe o ne a kopa banana ba motse gore ba emise go fitlha batswakwa ba ba senang diteseletso mo matlong le fa e le bone ba ba thusang go bona dijo.
O boletse fa go baya motho yo o ntseng jalo go le diphatsa mo morafeng ka gore bangwe ke dirukutlhi tse di felelang di ba senyetsa.
Kopo e ya ga kgosi e tla morago ga gore go begiwe fa go thubile magolegwa a le 18 kwa kgolegelong ya Francistown Central Prison. BOPA
Source : BOPA
Author : Tumelo Koboyatau
Location : Makgaba
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jan 2017






