Ketsitlile o ithola marapo
25 Jan 2017
E rile bosheng, moemela kgosi yo mogolwane kwa Kanye, Kgosi Goboletswe Ketsitlile, a ithola marapo ka ntata ya bogodi.
Mo potsolotsong, Kgosi Ketsitlile wa kgotla yoo Mokuete o boletse fa a ne a kopana le tsa bogosi morago ga go kopana le Kgosi Bathoen 11.
O boletse fa e rile ka ngwaga wa 1965, Kgosi Bathoen a mo kopa go tshwarelela mokwaledi wa thuto, Rre Kgopo Kgopo, ka a ne a ipaakanyetsa go tsaya malatsi a maleele go ya go itapolosa mme a tsamaya le ene.
“Ke ne ke le mogokgo kwa Moshupa mme ka Kgosi Bathoen a ne a lemogile bokgoni jwa me, o ne a nthoma go tshwarelela mokwaledi wa gagwe kwa Kanye,” a tlhalosa.
Kgosi o tsweletse a tlhalosa gore mo tirong ya gagwe, o ne a dirisanya thata le puso ya Aferika Borwa go tsisa barutabana mo Botswana ka ba ne ba tlhaela mme mongwe wa ba ba neng ba kgona go tla ka kwano ya nna Rre George Kgoroba.
E ne ya re fa Rre Kgopo a boela tirong, Kgosi Ketsitlile a tswelela a bereka le bone a dira e le morulaganyi wa mananeo otlhe a metshameko ya dikole.
Mme e ne ya re ka ngwaga wa 2000, Kgosi Ketsitlile a tlhomiwa go nna moemela kgosi ke Kgosi Seepapitso 1V.
O boletse fa tiro eo e ne e le bokete lantlha mme o ne a ipolelela gore o tsile go bereka ka natla gore a felele a e kgona mme ga nna jalo.
A re o gakologelwa gore ditsheko ka nako eo di ne di tla ka mmetela mme o ne a kgona go di rarabolola tsotlhe.
Kgosi Ketsitlile o supile fa bogosi bo le botlhokwa fela thata mo matshelong a batho ka bo supa gore ke mang mogolo mo setshabeng a tlatsa ka gore bo tsisa kagiso le thokgamo.
O boletse fa dikgosi di sena dithata tse dintsi jaaka pele.
“Ke dumela gore dithata tsa dikgosi di tshwanetse go okediwa ka gore pele ga boipuso, ralekgotla o ne a kgona go bitsa motho mme fa a sa iponatse pele ga letsatsi le phirima, o ne a kgona go mo atlhola mme mo bogompienong, ga go a nna jalo”.
Fa a akgela mo go tlhomiweng ga ga Kgosi Kwelagobe Mookodi mo maemong a gagwe, o boletse fa a sena pelaelo epe ka a berekile le ene mme a nonofile go ka dira tiro eo.
Mo go tse dingwe, Kgosi Ketsitlile a re o ne a tsena sepolotiki a sena go rotloediwa gape ke Kgosi Bathoen mme a nna leloko la Botswana National Front (BNF). O boletse fa a ne a dira gape e le mokhanselara yo o itlhophetsweng wa kganetso le go emela ditlhopho tsa Ngwaketse Kgalagadi mme a seka a atlega ka nako eo.
O tlhalositse fa tiro e a e berekileng lebaka e ne e le ya borutabana mme a diretse dithuto tsa gagwe kwa Moeding mme a ya go ithutuntsha kwa Aferika Borwa.
Morago ga dingwaga, a re o ne a tlhatlosiwa maemo go nna mogokgo wa dikole tse nne tse di neng di le kwa Moshupa, Gabane, Gaborone le Mmathethe.
O tlogela jaana a le dingwaga tse di masome a ferabongwe le bobedi.
Fa a tswa la gagwe, Mme Motlalepula Ketsitlile o boletse fa e ne ya re Kgosi Ketsitlile a neelwa maemo a bogosi, a nna le lesokolela la gore a o tla kgona tiro mme ka a ne a mo eme nokeng ga mmogo le badiri ka ene, o ne a e dira ka botswapelo.
O ne a rotloetsa bomme go ema borre nokeng le go ba gakolola mo go tsotlhe tse ba di dirang. BOPA
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 25 Jan 2017






