Breaking News

Gloria Thitoyamore o tlhokafetse

25 Jan 2017

Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Mme Gloria Thitoyamore, yo a neng a direla kwa ofising ya Bobonong o tlhokafetse kgwedi eno e le masome a mabedi.
Mme Thitoyamore o tshotswe ka ngwaga wa 1955 ka kgwedi ya Motsheganong a le lesome le bongwe kwa Majwaneng.

Go ya ka monnawe, Mme Onalethata Thitoyamore, mogolowe o ntse a tshela ka bokoa mme e ne ya re ka kgwedi ya Morule ngwaga o o fetileng a gatelelwa thata.

Onalethata a re fa e sa le nako eo, Mme Thitoyamore yo o neng gape a itsege ka leina la Mmaosha o ne a simolola go tsamaisiwa mo bookelong kwa Lerala mme morago a robadiwa kwa kokelong ya

Palapye mme ya re morago a ya go robadiwa kwa Bamalete Lutheran Hospital kwa Ramotswa kwa a tlhokafaletseng teng.

Modiri ka ene wa pele, Mme Dinah Mfulwane, yo o direlang kwa ofising ya Molepolole o buile mo potsolosong fa Mme Thitoyamore a simolotse go dira mo lephateng le le neng le bidiwa la dikitsiso le seromamowa ka ngwaga wa 1985 kwa Selebi Phikwe.

Mme Mfulwane a re Mme Thitoyamore e ne ya re morago a fudusediwa kwa Bobonong go bula ofisi ya bobega dikgang koo ka 1992.

Rre Gotewang Kobamelo, modiri mo ofising ya Bobonong yo o dirileng le Mme Thitoyamore ka lebaka o mo kaile fa a ne a le senatla mo tirong ya bobegadikgang bogolo.

Rre Kobamelo a re Mme Thitoyamore o ne a le boineelo mo tirong e bile a ne a jesa bareetsi ba seromamowa monate fa a bala dikgang mo tatedisong ya dikgang.

Rre Kobamelo a re Mme Thitoyamore e ne e se motho yo o lefufa mo tirong ka a ne a na le lerato la go thusa badiri ba basha le go ba ruta tiro a supa fa ene a ne a ithuta go le gontsi mo go ene.

A re mo tirong o ne gape e le mogakolodi yo o neng a a fa badiri ka ene dikgakololo mme e bile a sa tshabe go kgalema fa mongwe a tswa mo tseleng.

Rre Kobamelo a re Mme Thitoyamore o ne gape a tlotla baeteledipele mo tirong go sa kgathalesege gore o ba feta ka dingwaga.

Mme Thitoyamore o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2014 a dira mo ofising ya Bobonong.

O tlaa bolokwa ka Sontaga kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe kwa Majwaneng. BOPA

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Bobonong

Event : Tatolo

Date : 25 Jan 2017