Phokoje go tshela yo o dithetsenyana
25 Jan 2017
Mme Lesedi Maruatona wa kgwebo ya go tlhatswa diaparo kwa Bobonong a re mowa wa boipelego ke tsela nngwe ya go intsha mo lehumeng le go imolola puso morwalo.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Maruatona wa kgwebo e e itsegeng ka leina la Lesedi Laundry, a re o simolotse kgwebo e ka 2014.
A re o ne a dirisa madi a a neng a a kokoantse.
Mme Maruatona a re pele ga a simolola kgwebo ya go tlhatswa diaparo o ne a lemogile gore kgwebo e, e a tlhaela mo Bobonong ka e bile e le motse o motona o o tlhabologang.
O kaile fa go ipelega go mo tswetse mosola ka gore o kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe.
A re kgwebo ya gagwe ga e na ditshenyegelo tse dintsi jaaka go duela bonno, metsi le motlakase ka a direla mo lwapeng.
Mme Maruatona o tlhalositse fa go ipapatsa mo bathong le mo madirelong ka go farologana go mo thusitse.
A re kgwebo ya gagwe e dira sentle fa kgwedi e fedile.
A re kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa mo Bobonong ke nngwe ya dikgoreletsi tse a kopang le tsone. BOPA
Source : BOPA
Author : Goabaone Othamile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 25 Jan 2017






