Go tshwerwe magolegwa ale supa
24 Jan 2017
Mogolwane mo lephateng la dikgolegelo Senior Superintendent Wamorena Ramolefhe a re go setse go tshwerwe magolegwa a le supa fela mo go a le lesome le borobabobedi a a neng a thoba mo kgolegelong ya Francistown kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bone mo tshokologong.
Senior Superintendent Ramolefhe o tlhalositse se mo potsolotsong le BOPA a tlhalosa fa ba le lesome le motso ba sa ntse ba tsene ka lenga la seloko.
A re ba setse ba tshwere Gaomodimo Molosiwa, Mlindeli Moyo, Godwin Mapunganyika, Sicelo Sibanda, Charlote Ndlovu, Methuli Sibanda le Thabani Ncube.
O boletse gore mo go bone ba ba tshwerweng Molosiwa ke ene fela Motswana fa ba bangwe ba tlholega kwa Zimbabwe. O tlhalositse fa magolegwa a ba kgonne go a tshwara gape mo mafelong a a farologaneng a kgaolo ya Bokone fa Thabani Ncube ene ba kgonne go mo tshwara ka thuso ya sepodisi sa ba ga gabo sa Zimbabwe mabapi le mongwe molato o a saleng a o tsomelwa.
Senior Superintendent Ramolefhe o lebogetse kemonokeng e ba tsweletseng ka go e fiwa ke Batswana ka kakaretso mabapi le go thusa mapodisi go tshwara magolegwa a.
Ka jalo o kopa Batswana go tswelela ba supa mowa wa tirisano mmogo ka dinako tsotlhe a re ke tshwanelo ya bone go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi mo lefatsheng.
O kopile setshaba ka kakaretso gore e re ba bona ope fela yo a belaetsang ba lome tsebe ba sepodisi ba ba gaufi kgotsa ba ba tshware mo megaleng ya 3611700 kgotsa nomoro ya mahala ya 999.
Magolegwa a a ne a iphalotsa mo kgolegelong ya nakwana e e tshegetsang batho ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong mo tshokologong ka go kgaola terata ya kgolegelo e e kwa morago.
Mo go bone ba le lesome le botlhano ba tswa Zimbabwe fa ba le bararo e le Batswana. Go tlhalosiwa fa magolegwa ao otlhe a le borai fela thata mo matshelong a batho, ka jaana melato ya bone ka go farologana e akaretsa polao, go betsa le go utswa ka dikgoka. BOPA
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 24 Jan 2017






