Breaking News

Mmuso ga o a lebala Selebi-Phikwe

24 Jan 2017

Ditlhotlhomiso tsa lekgotla la SPEDU di supile fa matamo a matona a Letsibogo, Dikgathong, Thune le Lotsane, a ka dirisiwa e le bontlha bongwe jwa bojanala go kabakanya itsholelo ya Botswana.

Se se builwe ke mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba Rre Nonofo Molefhi yo gape eleng tona ya tlhabololo ya dikago le matlo fa a ne a lekola banni ba kgaolo ya gagwe mo diphuthegong tsa kgotla kwa Botshabelo le Ikageleng. Mopalamente Molefhi o tlhalositse fa go tlaa nna le thulaganyo ya temo ya nosetso go dirisiwa matamo a.

Rre Molefi o tlhalositse gore ditlhatlhobo di supang gore mebu efe e siametse temo ya eng di setse di dirilwe.

Mopalamente o ne gape a tlhalosa gore goromente o tsere tshwetso ya go rotloetsa temo ka go atumetsa motlakase ko go ba ba nang le masimo a a iphaphathileng ka noka ya motloutse gore ba tle ba o dirise go ga metsi gore ba nosetse.

O ne a tswelela ka go tlhalosa gore ba lephata le le itebagantseng le tsa tikologo le bojanala ba setse ba kaile fa ba segile ditsha gaufi le matamo one a tse di tlaa dirisediwang bojanala. A re ditsha tse di tlaa dirisiwa go aga dilo di tshwana dihotele,mafelo a go intsha bodutu, metshameko ya mekoro, go rua ditlhapi jalo jalo.

Tona Molefhi o ne a tswelela ka go tlhalosa gore go na le babeeletsi ba ba setseng ba tlhomamisitse gore e tlaa re ka kgwedi ya Mopitlwe ba tlaa bo ba tla go bula dikgwebo tsa bone mo Selebi Phikwe.

Tona o ne gape a tlhalosa gore ba lekalana la ditlhabololo mo Botswana ba tsere tshwetso ya gore ba fokotsa ditlhwatlhwa mo madirelong a a ntseng a sa dirisiwe a a kileng a bo e le a go segela matsela. Selekanyetso sa dikgato se fa gare ka dipula tse tharo le tse di lesome go tswa fela mo go reng o batla boatlhamo jo bokae.

Tse tsotlhe di dirwa go le mo maikaelelong a go oka babeeletsi le bagwebi.

Mo go tse dingwe mopalamente Molefhi o ne a tlhalosa gore goromente o tsere tshwetso ya gore mabone a mo mekgwatheng a motlakase a tlaa emisediwa ka mabone a a dirisang marang a letsatsi. A re ditekeletso di setse di dirilwe e bile go beilwe madirelo a mashwa ko Kanye a a itebagantseng le go dira one mabone a a marang a letsatsi.

O ne a tlhalosa gore ka jaanong mabone a mekgwatha a tlaa bo a sa dirise motlakase o o fetlhiwang,motlakase o tlaa kgona go boela go dirisiwa ko madirelong go sena tlhaelo.

A re mabone one a a marang a letsatsi a tsentswe maranyane a dibalamakgolo gore maitseboa fa dipone tse di tshuba banana ba kgone go dirisa maranyane a internet.

E ntse e le mo diphuthegong tsa kgaolo ya gagwe ko kgotleng ya Botshabelo le ya Ikageleng, Rre Molefhi e ne ya re a bua ka seru se se wetseng moepo wa BCL a tlhalosa fa go le boammaaruri gore ka gore seemo e ne e le sa tshoganetso ba ne ba seka ba ithulaganya sentle gore e re mo kgatong e e tserweng eo ba bo ba na le bodiredi jo bo lekaneng ka ponyo ya leitlho gore ba fefogele go sidila maikutlo a bao ba ba amilweng ke kgato e.

O ne a tlhalosa fa dipalo tsa batho ba ba neng ba amiwa ke tshwetso e e ne e le dipalo fela tse ditona tse di ka fetang dikete tse di masome a mararo lefatshe la Botswana ka go anama ga lone.

Mopalamente Nonofo o ne a re o rurifaletsa banni ba Selebi Phikwe gore tshwetso e e ne e se sepe se goromente wa Botswana a neng a se tsaya motlhofo, ka e le kgato e e sa ntseng e utlwisa bontsi botlhoko le mo nakong ya gompieno.

A re o dumela gore e le banni ba Selebi Phikwe ga ba kake ba rwala matsogo mo tlhogong ka boitlhobogo mme ba ikgothatse ba nne le mowa wa tlhwaafalo gore ba bone gore ba fetola seemo se jang.

Tona Molefhi o ne a tlhalosa fa a nnile le sebaka sa go bua le makgotla a babereki ba meepo le lekgotla la babereki ba puso ka ditsela tse go ka bepisiwang manokonoko a ditlamorago tsa go tswalwa ga moepo. Fa a wetsa, tona o ne a gakolola banni gore ba ikitee ka thupana go ya go kwadisa ditsha tsa bone ka ikwadiso e ne ya otoloswa go fitlha kgwedi eno ya Hirikgong e wela. BOPA

Source : BOPA

Author : Gofaone Wilson

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Jan 2017