Ba tlhagisiwa go ikela tlhoko
23 Jan 2017
Motshwarelela mogolwane wa sepodisi kwa Maun, Rre Oarabile Hulela, o gwetlhile batho ba kgaolo ya gagwe go ikelatlhoko fa ba tsamaya mo nageng ka nako e ya dipula.
Rre Hulela o buile se morago ga ditiragalo tse pedi tse mo go tsone batho ba ne ba timela mme ka lesego ba bonwa morago ga malatsi a feta bongwe.
Mo tiragalong e nngwe bana ba le bane ba Sankoyo ba ne ba timetse ka Matlhatso kgwedi eno e le lesome le bone.
Go begetswe mapodisi ka nako ya boferabobedi bosigo morago ga gore bana bao ba seka ba bonala ba sale ba ile go bapala maungo a naga ka nako ya lesome le bongwe mo mosong.
Bana bao ba dingwaga tse di fa gare ga bosupa le boferabongwe, basimane ba le babedi le basetsana ba babedi ba ne ba lala gone mo nageng mme ba bonwa Hirikgong a le lesome le botlhano ke mapodisi.
Rre Hulela o tlhalositse fa mapodisi le masole ba ne ba ntshitswe go batla bana bao ka dinao le ka sefofane sa tlhootomo, mme ba bonwe ke lekoko la dinao.
O supile fa bana bao ba ne ba le mo seemong se se siameng mme ba neelwa ba malwapa a bone.
Mo go e nngwe tiragalo, rre wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi o ne a timela a ya morakeng wa Lechanja gaufi le Makalamabedi.
Rre Hulela o tlhalositse fa rre yoo a ka tswa a timeditswe ke dipula tse di tshologang mo kgaolong mme a tlhoka go lemoga kwa a tshwanetseng go leba teng. Le fa go ntse jalo, go ne ga begelwa ba sepodisi sa Maun ka ba masika ba ne ba bona a sa goroga kwa morakeng gape a seyo kwa Maun.
Rre yoo o timetse kgwedi eno e tlhola lesome le bongwe mme a bonwa e tlhola lesome le boraro ke ba sepodisi a setse a itharabologetse, a lemogile tsela e e yang morakeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 23 Jan 2017






