Breaking News

Matshameko o ikanya temo

23 Jan 2017

Go setse go itshupile gore metlha ga e sa tlhole e le ele ya maloba e motho wa mme a neng a tshwanelwa ke go nna mo lwapeng go dira ditiro tsa lelwapa, fa rre ene a phakelela kwa mmerekong.

Bomme mo dipakeng tseno ke bagwebi ba popota, fa bangwe ba bereka le mo ditirong tse go neng go tlwaelesegile gore di dirwa ke borre, mme gape bomme bangwe ke ditlhogo tsa malwapa a bone.

Mme Dinah Matshameko wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabongwe wa Ditladi mo kgotleng ya Shashe, ke mongwe wa bomme ba lefatshe leno ba ba sa batleng go ipona tsapa go iphataphatela mo botshelong.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Matshameko o tlhalositse fa ene a sale ka ngwaga wa 1986 a ne a inaakanya le go tsaya temo-thuo e le seikokotlelo sa botshelo jwa gagwe.

“Fa ke ntse ke gola mo lwapeng ke ne ke etse tlhoko ka fa re neng re itshetsa ka teng. Re ne re lema, re rua leruo ka go farologana,”a tlhalosa jalo.

O tlhalositse fa ka nako eo go ne go tumile go dirisa leruo jaaka ditonki le dikgomo go lema. Mme e re le ntswa mo nakong eno go lengwa le ka diterekere, Mme Matshameko o tlhalositse fa a sa ntse a tshegeditse segologolo sa go dirisa ditonki go lema ditema dingwe.

O boletse fa a ne a bona go le maleba gore jaaka a godiseditswe mo temo thuong e bile a na le dikitso le bokgoni jo a bo kwataboloditseng mo batsading ba gagwe le ene a tshware fela jalo.

A re ka puso e lemoga botlhokwa jwa temo e bile e thusa batho ka mananeo a tshwana le ISPAAD le LIMID o ne a seka a ipona tsapa go dirisa mananeo ao go reka dipeo, menontshane le gone tota go bolaya mhero.

 “Lenaneo la ISPAAD le ntlodisitse melatswana ka jaana le dirile gore ke atolose temo ya me,” a bua jalo. O tlhalositse fa go atolosa ditema tse a neng a ntse a di lema go dirile gore a rekise bontlha bongwe jwa thobo e a e bonang a bolela jalo a tlatsa ka gore letseno le a le bonang o ne a le dirisa go thiba ditiro tse dingwe tsa botshelo mo lwapeng.

O bile a fa sekai ka gore dipoelo tseo di mo thusitse go ka itshimolela kgwebo ya dikoko tsa nama e a supileng fa e dira fela mo go kgotsofatsang mo nakong eno.

Mme Matshameko o tlhalositse fa go lema le go rua go dirile gore a thape bangwe go mo thusa, mme seo a re ke nngwe tsela ya go thusa lefatshe leno go bula diphatlha tsa mebereko tse mo nakong eno e leng matshwenyego magolo.

Mme Matshameko o tlhalositse fa mo pakeng eno ya temo a kgonne go lema ditema tse di robang bongwe. “Ke lemile ditema tse pedi tsa mohuta wa mabele a butler, ditema tse pedi tsa mmidi, tema e le nngwe ya manoko go tlhakane le ditloo, tema e le nngwe ya magapu,marotse le ntshe ga mmogo le ditema tse tharo tsa dijo tsa leruo tsa lablab,”a bolela jalo.

Molemi morui yo o boletse gore e re ka jaana go na le gore mo dipakeng tse dingwe lefatshe le omelele ntateng ya dipula tse di boutsana leruo le tlhoke phulo e e nametsang, ene o lemela leruo la gagwe dijo go di jesa ka dinako tsa go nna jalo.

O tsweletse gape fa go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha nako le nako ga mmogo le go sala morago ditaelo le dikgakololo tsa ba selemisi ka paka ya temo go mo thusa fela thata go bona thobo go sa kgathalesege gore seemo sa loapi ke se se ntseng jang.

“Gape nna ke na le lerato mo dijwalong tsa me” a bua jalo ka monyenyo a tlhalosa fa a tlhagolela dijwalo go di itsa go kgorelediwa ke mohero le gone go agelela masimo go tila gore leruo le mo senyetse dijwalo tsa gagwe.

Mme Matshameko o ne a kgothatsa Batswana go dira jaaka ene go tsaya tsia temo-thuo ka dinako tsotlhe, gonne go dira jalo go ka thusa go menagane gore lefatshe leno le ntshe dijo tse di lekaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : Ditladi

Event : Potsolotso

Date : 23 Jan 2017