Breaking News

Batsadi ga ba kgathale ka thuto - kgosi

23 Jan 2017

Go bolelwa fa batsadi kwa Khwee mo kgaolong potlana ya Boteti ba sa kgathale ka thuto ya bana.

Se se builwe ke Kgosi Gasebatwe Boloka wa motse oo fa mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe a buisa dikomiti tsa motse bosheng.

Rre Boloka o tlhalositse fa batsadi ba nna fela mo merakeng le bana ba ngwegile kwa sekoleng.

A re go lebega ba bona fela go siame  ka gore ba ba thusa  go  tlhokomela leruo.

A re go dira jaana ga go a siama ka gore go senyetsa bana bokamoso.

Kgosi Boloka o ne a kopa gore go nne le molao o o tla dirisiwang go otlhaya batsadi kgotsa batlhokomedi ba bana fa ba sa ba letlelele go tsena sekole.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa Khwee, Rre Meshack Tseleng o tlhalositse fa bontsi jwa bagolo le bana kwa Khwee ba sa itse go bala le go kwala.

A re batsadi ba tshwanetse go tsena  thutapuisano, e mo go yone batsadi ba tlaa rutuntshiwang ka botlhokwa jwa thuto ya bana ba bone.

Mo kgannyeng e nngwe, mogokgo wa sekole sa Khwee, Mme Moreen Morwe o boletse fa ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya barutabana ba sennelaruri. O boletse fa sekole se sena barutabana ba lekwalo la ntlha go ya kwa go la bone.

Mme Morwe o tlhalositse fa bana ba dikwalo tseo ba tlhola ba sa rutiwe sepe. O tsweletse a re sekole se ka seke se ikanye barutabana ba nakwana ka gore ba ka nna ba tsamaya nako nngwe le nngwe fa ba bona tiro ya sennela ruri.

Mme Morwe a re matlo a bonno a bana ba sekole a tlhoka motlakase.

A tlhalosa gore  e ne ya re ka ngwaga wa 2010 matlo a bonno a bana a sha, mme molelo o ne wa ama ntlwana ya motlakase.  O ne  gape a  tlhalosa fa letlhoko la motlakase mo matlong a bone le tshwenya ka gore motlhokomedi wa bana ga a kgone go ba tlhokomela sentle, a tlatsa ka gore  le bana ba mo diphatseng ka ba ka  longwa ke digagabi ka go abo go le lefifi.

Go ya ka mogolwane wa dithuto tse dipotlana mo kgaolong ya Boteti, Rre Molefabangwe Gorewang, go lesa bana ba tlogela sekole ba ya go nna mo merakeng go baka gore sekole se sebotlana sa Khwee se seka sa ntsha maduo a a kgotsofatsang ngwaga le ngwaga fa maduo a makgaolakgang a lokwalo lwa bosupa a tswa.

Go ya ka mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba; Rre Sethomo Lelatisitswe,  Badirelapuso le banni ba motse wa Khwee, ba tshwanetse go ikamanya le ofisi ya mopalamente gore ba tle ba kgone go rarabola mathata a a ba lebaganeng mo motseng wa bone e seng gore ba letele diphuthego tsa mopalamente.BOPA

Source : BOPA

Author : Tumelo Koboyatau

Location : Khwee

Event : Phuthego

Date : 23 Jan 2017