Kgosi o lela ka motlakase
23 Jan 2017
Kgosi ya motse wa Tshwaane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Kgosi Othusitse Sengawane a re motse wa gagwe o saletse kwa morago fa o tshwantshanngwa le metse e mengwe ya seemo sa one ka ntata ya letlhoko la motlakase.
E rile a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Sengawane o ne a tlhalosa fa gangwe le gape ba lela ka letlhoko la motlakase mme go se nko e tswang lemina.
A re go nna teng ga motlakase go ka thusa morafe wa gagwe bogolo jang ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma jaaka a kapei ya borotho, mafelo a go dira moriri le basegi, mme a re letlhoko la motlakase le isa dikgwebo tse motse o neng o ka ipoloka ka tsone kwa tlase.
O tsweletse a supa fa seemo sa letlhoko la motlakase se itsa bagwebi jaaka ba mabentlele a a rekisang nama go kgatlhegela go tla go gweba mo motseng wa gagwe mme se se dire gore le letlhoko la mebereko le nne kwa godimo.
A re se se felela se dira gore banana ba felele ba gobeya mo motseng mme ba felele ba raelesega go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi ga mmogo le nnotagi.
Mo ditlhabololong tsa motse, Kgosi Sengawane o supile fa ba na le letlhoko la diofisi tsa kgotla ka tse di teng di setse di le mo seemong se se sa siamang bogolo jang mo dinakong tsa dipula metsi a itsenela fela.
O ne gape a kopa gore ba tsisetswe mokwaledi mo kgotleng ka jaana fa e sale kgotla ya bone e tlhatlosiwa maemo ga ba ise ba nne le mokwaledi mme se se dire gore ditsheko di kokoane.
O ne a tswelela a supa fa motse wa gagwe o sena ditlamelo jaaka poso mme se se dire gore ka nako ya dikamogelo tsa bagodi go nne bokete mo go bone ka ba felela ba tlamega go latela madi kwa motseng wa Takatokwane.
Mo go tse dingwe Kgosi Sengawane o roletse bana ba sekole se sebotlana sa motse oo hutshe go bo ba dirile ka natla mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ngogola. Le fa go ntse jalo o ne a lela ka batsadi ba ba tseelang bana kwa masimong le meraka ba ba tlogedisa sekole mme a kopa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka thuto e le boswa e bile bana bao e le bone babusi ba kamoso.
O ne gape a kopa gore puso e ba segele lefatshe gore ba tle ba nne le bonno ka motse wa gagwe o dikaganyeditswe ke didiba, letsha le terata ya mafudiso a diphologolo.
O boletse fa go na le dipalo tse di ngomolang pelo tsa banana ba ba imang bogolo jang ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro, ka jalo a kopa batsadi go itsise ba molao ka go le molato go tlhakanela dikobo le ngwana wa dingwaga tse di kalo.
O ne gape a kopa banana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo mme ba tlhwaafalele dithuto le go emela lenyalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 23 Jan 2017






