Kgatleng gaa robalelwa ke ditlhokwa
23 Jan 2017
Magosi le bagolwane ba sepodisi sa Mochudi ba tshwentswe ke dikgang tsa dipolaano,dikotsi tsa tsela le bogodu jwa loruo tse di golelang kwa godimo mo kgaolong ya Kgatleng.
E ne ya re a ntsha matshwenyego a bone e le ba sepodisi kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla ka Labobedi, mogolwane wa mapodisi a Mochudi Superintedent Olebile Sitale o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipolaano tse di diragalang mo kgaolong ya gagwe.
Superintedent Sitale o buile a menne phatla ka dipalo tsa batho ba ba tlhokafetseng ngwaga o o fetileng le ngwaga ono faesale o simolola a tlhalosa fa ngwaga o o sa tswang go feta go tlhokafetse batho ba le masome a marataro le bone,a supa gore fa ngwaga ono o simolola jaana go setse go tlhokafetse batho ba le supa mo ditiragalong tse di farologaneng.
O boletse fa dipalo tseo di mo tshwentshe fela thata a re o ipotsa gore mo dikgweding tse di tlang go ya go diragalang eng mme o ne a kopa magosi go ema ka dinao go bua le morafe gore ba bone gore tsela pedi ba tsaya efe. A re ba gatisitse dikgang tsa dipolaano tse di utlwisang botlhoko fela thata a tlhalosa fa go nnile le tiragalo e mo go yone monna a neng a bolaya losea.
O supile fa ditiragalo tsa mofuta oo di ba utlwisa botlhoko fela thata a tlatsa ka gore ke nako ya gore morafe le borara jwa Kgatleng bo eme ka dinao ba thusane le mapodisi go lwantsha dikgang tseo.
O boletse fa ene ka tebo ya gagwe ya matlho a belaela fa bontsi jwa batho ba dirisa ditagi pele ga ba bolaya ba bangwe a tlhalosa fa motho yo o itekanetseng sentle a ka seke a bolae yo mongwe fela jalo.
A re e le ba sepodisi ba lemogile fa ditagi di dirisiwa thata mo kgaolong ya Kgatleng mme o ne a kopa magosi go emela dikgang tsa mofuta oo ka dinao.
Mo go tse dingwe a re le bogodu jwa leruo bo ile magoletsa mo kgaolong ya bone a tlatsa ka gore ba setse ba gatisitse dikgang tse dintsi tsa bogodu jwa leruo.
A re bontsi jwa magodu a dikgomo ba tsamaya ka dikoloi mo merakeng ba bolaya dikgomo tsa ba bangwe mme ba di rekisa kwa Tlokweng,Mogoditshane le Gaborone.
A re ba lekile go lwantsha bogodu joo a tlhalosa fa ba beile batho bangwe ko dikgweng ka go farologana go ba thusa ka dikgang tseo a tlatsa ka gore ba kgonne go fokotsa bogodu mme o ne a ba leboga a supa fa e le bone ba ba kgontshitseng go tshwara dingwe tsa dilalome tseo.
Mo kgannyeng e nngwe mogolwane wa mapodisi o ne a kopa magosi go dirisana sentle le mapodisi a a mo makgotleng a bone a supa fa ba amogela dipego tse mo go tsone go senang tirisano mmogo mo dikgannyeng tse di akaretsang diofisi le matlo a boroko.
E ne ya re ba tsibogela dikgang tsa mogolwane wa mapodisi magosi go tswa ko dikgaolong tse di farologaneng tsa kgaolo ba ne ba supa fa le bone dikgang tseo di sa ba jese diwelang.
Magosi a ne a re ke nako ya gore magosi a tseye kgato ka dikgang tseo, segolo thata tsa dipolaano tse gantsi ba tlhalositseng fa di dirwa ke banana.
E ne ya re a ntsha la gagwe Kgosi Kabelo Rakgathi wa Dikgonnye a bolela fa ditagi di le dintsi mo kgaolong ya bone segolo jang motokwane.
A re bangwe ba banana ba o dirisa ka dipalo tse di ko godimo fela thata mo ebileng bangwe ba o bitsa “thulaganyo” ko Boseja kwa ga Mapole mme o ne a kopa borara jwa kgaolo go lwantsha kgang eo.
E rile a ama kgang ya dikotsi tsa tsela a re ke nako ya gore melao mengwe e fetolwe a re bontsi jwa dikotsi di dirwa ke botlhaswa jwa bangwe ba bakgweetsi.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Mpete wa Dikwididi ene o ne a re nako e tsile ya gore moretlwa o busediwe bana ba otlhaiwe a tlatsa ka gore le dikgolegelo di setse di penologa.
Kgosana Bogosi Tladi ene o boletse fa go sa gogiwe motokwane fela a re bana bangwe ba inaakantse le mokgwa wa go sila dipilisi tsa di ARV mme ba bo ba di goga a tlhalosa fa seo e le sone se se ba dirang gore ba dire ditiro tse di duleng mo tseleng.
O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka bangwe batsadi ba ba bipang mpa ka mabele fa bana ba bone ba dirile melato a re seo ke sone se se dirang gore bana ba fetoge diganana.
E rile a ama kgang ya boroko jwa mapodisi a a mo dikgotleng tsa bone, Kgosi Sue Mosinyi wa Bokaa o ne a bolela fa bangwe ba mapodisi ba sena tirisano mmogo a tlhalosa fa ba na le mokgwa wa go amogana matlo a ba a filweng ba sa rerisa bogogi jwa makgotla a Setswana.
O ne a kopa mogolwane wa mapodisi go bua le bana ba gagwe ka kgang eo a supa fa seo se tsisa kgotlhang magareng ga babereki ba makgotla a Setswana le mapodisi.
E ne ya re ba wetsa, magosi a ne a dumalana fa ba tlaa bitsa phuthego ya mokatakata go bua le morafe mme le go kopa dikereke tse di mo kgaolong go tla go rapelela dikgang tse di gomagometseng go nyeletsa morafe wa Bakgatla.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 23 Jan 2017






