Masonya o kopa tshwaragano
22 Jan 2017
Kgosi ya Phase IV kwa Francistown, Kgosi Masego Masonya, o ikuetse mo banning go goga ka jokwe e le nngwe go baakanyetsa moletlo wa go ipelela letsatsi la ngwao kwa toropong eo.
Kgosi Masonya o dirile boikuelo joo mo potsolotsong bosheng a tlhalosa fa letsatsi leo le tlaa ketekwa ka Motsheganong a le lesome le borobabongwe.
O tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go rotloetsa ngwao mo matshelong a batho ba toropo le gone go e tsosolosa.
“Go setse go lemosegile gore gangwe le gape mo ditoropong batho ba na le go itlhokomolosa ngwao mo matshelong a bone a tsatsi le letsatsi, mme ba sie le dilo tsa sesha,” a tlhalosa jalo.
O tladitse ka go supa fa mokgwa wa go nna jalo o tshabelela segolo bogolo basha ka e le bone ba ba di gogang kwa pele mo tirisong ya tsa maranyane le tse dingwe tse di felelang di ba lebatsa ngwao.
Ka jalo a tlhalosa fa ba bone go le maleba go kgetha letsatsi le ka lone ba tlaa tsenyang segakolodi mo Batswaneng mo toropong go ikgata motlhala go leba kwa morago golo ba go tswang.
Kgosi Masonya o tsweletse a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ngwao e tsosolosiwe ka jaana e le yone e nnileng le seabe se segolo mo go ageng sechaba sa lefatshe leno go fitlha gompieno.
A re ngwao e thusitse thata go dira ditlhabololo tsa lefatshe mme ke gone ka moo go tshwanelang gore e tsosolosiwe go thusa lefatshe go gatela pele mo dikgannyeng tsa ditlhabololo. O bile a tlhalosa gape fa ngwao e thusa go aga setho se se eletsegang mo setshabeng.
“Fa o bona lefatshe leno le tumile ka go nna le kagiso le thokgamo jaana, mme e bile seo se dira gore ditshaba di meletse lefatshe leno mathe ke ka fa go gatileng tsamaiso ya ngwao”a tlhagisa jalo a supa fa serodumo seo se sa tshwanelwa ke go latlhegela Batswana.
Go sale foo kgosi o tlhalositse fa ka jaana mo toropong go le batho ba merafe e e farologaneng le ka dingwao tsa bone, tsholofelo ke gore ba tle ba nne le sebaka go tla go ithuta ka dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo lefatsheng le mo toropong.
A re botlhokwa go itse ka dingwao tse dingwe ka jaana se se ka tila dikgang tsa semorafe tse di ka feletsang di rotloetsa dintwa le dikgoberego mo matshelong a batho ka kakaretso. BOPA
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 22 Jan 2017






