MVA e tshwenngwa ke koketsego ya dintsho tsa tsela
22 Jan 2017
Morutintshi wa setshaba go tswa kwa lekalaneng la Motor Vehicle Association Fund (MVA), Mme Gugulethu Sithole, a re lekalana la bone le tshwenyegile ke go gola ga dintsho tse di bakilweng ke dikotsi tsa tsela.
O buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa Woodhall, e e neng e tshwerwe bosheng, le makalana a dithuso ka go farologana, go tla go tsibosa morafe ka ditirelo tsa bone.
Mme Sithole o supile fa bokopano jwa bone le morafe e le tsela nngwe ya go amogana kitso le setshaba ka dithuso tse di ba lebaneng fa ba amilwe ke dikotsi tsa tsela.
A re maikaelelo magolo a lekalana leo ke go leka go fokotsa dipalo tsa batho ba ba latlhegelwang ke matshelo ka ntata ya dikotsi tsa tsela.
O boleletse morafe gore lekalana leo gape le ikaelela go tokafatsa seemo sa ipabalelo tseleng mo bathong botlhe go akaretsa bana le bagolo lefatshe ka bophara.
O tsweletse a bolela gore lekalana leo le fetotse ditsetlana dingwe mo molao-motheong, a fa sekai sa gore fa motho a amegile mo kotsing ya koloi go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng gore a tle a thusiwe go simolola fela ka madi a phimolo dikeledi le one a gore ba kgone go ithusa.
Fa a amogela baeng, Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall, o ne a lebogela morafe ka boitshwaro jo bo nametsang ka malatsi a boitapoloso jo ba bo supileng mo ngwageng e e sa tswang go wela. BOPA
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2017






