Radisele o tla agelwa kampa ya sepodise
22 Jan 2017
Banni ba Radisele mo kgaolong ya Serowe Borwa, ba itumeletse mogopolo wa mmuso wa go ba agela kampa ya sepodisi mo ngwageng wa madi wa 2018/2019.
Banni bao ba supile boitumelo jo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogolwane wa mapodisi a kgaolwana eo Sub Inspector Tshekiso Mothanka.
Ba re go agiwa ga kampa ya sepodisi mo Radisele ke tsela nngwe ya go isa ditlamelo kwa bathong le go lwantsha seemo se se golelang pele sa dipetelelo,bogodu jwa loruo le dititeo tsa batho tse gantsi di dirwang ke batho ba ba itontelang dino le ditagi.
Batho bao, ba ba neng ba akaretsa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Boipuso Motsamai le kgosana ya kgotlana ya Mmapetlwana Rre Abraham Thuto ba dumelane gore diofisi tseo tsa mapodisi di agiwe mo kgotlaneng ya Maphaphamane.
Ene e rile go le pele Sub Inspector Mothanka a bolelela banni ba Radisele gore le ntswa e le keletso ya mmuso go isa ditlamelo kwa bathong sebe sa phiri ke tlhaelo ya madi le bodiredi.
A re o na le tsholofelo ya gore morago ga go agiwa ga diofisi tseo mo ngwageng wa madi wa 2018/19, mmuso o tlaa leka ka bojotlhe go oketsa palo ya mapodisi mo motsing wa bone go itepatepanya le borukutlhi mo Radisele le metse e e mabapi jaaka Mogome, Mokgware le Madiaela.
Fa dikgang di eme jalo mapodisi a Palapye a ne a sireletsa koloi ya bojalwa e e neng ya wa dikhilomithara di se kafe go tsweng mo Radisele.
Baboni ba tiragalo eo, ba re koloi eo e ne e tswa Gaborone e ya kwa Bokone jwa lefatshe leno, mme ba bolela fa go sena ope yo o boneng dikgobalo tse di masisi. Le fa batho bangwe ba kgonne go tsaya majalwa ka nako ya tiragalo eo, mapodisi a ne a leka ka bojotlhe go thibela batho go itseela dithoto tse e seng tsa bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2017






