Breaking News

Dikgakolo di thusa go ntsha thobo e ntsi

19 Jan 2017

Go diragatsa dikgakololo tsa lephata la temo-thuo go ka thusa go ntsha thobo e e botoka.

Go tlhalositse jalo Mme Gothata Radithongwa yo e leng molemi kwa masimong a Setatse gaufi le Palapye.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Radithongwa a re lelwapa la gagwe le tlaa ora wa mariga selo se a supileng fa se kgonagetse ka go bo a ne a tsaya ka tsoopedi dikgakololo tsa lephata la temo-thuo go tlhabolola temo go ntsha thobo e e nametsang.

A re morago ga go utlwa ka methale e tshwana le go lema ka ditselana, go dirisa didirisiwa tsa segompieno tsa temo le go lema dipeo tse di tlhabolotsweng o ne a itoma molomo wa tlase gore o tlaa tshwanelwa ke go lekeletsa nngwe ya methale eo.

Mme Radithongwa yo o dingwaga di masome a mane le bobedi a re morago ga gore letsema le bolodiwe ngwaga o o fetileng, o ne a eteletsa mothale wa go lema dipeo tse di tlhabolotsweng ko pele mo torong ya gagwe ya go ipona a akola letlhafula.

E re ka go twe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, tshimo ya gagwe e phophoma ka mmidi o o nonofileng selo se a kaileng e le dintlenyane tsa go lema peo e e tlhabolotsweng.

O kaile fa mmidi wa gagwe o o nang le dikgwedi tse pedi a o lemile a solofetse go o roba kgwedi e e latelang.

A re se a se itemogetseng mo tshimong ya gagwe se supa tota fa dipeo tse di tlhabolotsweng di na le boleng mme ebile di le bogadi bo gaufi.

Mme Radithongwa a re go tila go nna phokoje wa morago mo temong ya monongwaga o ne a lema morago ga dipula tsa ntlha di sena go phaila maikaelelo e le gore ba lelwapa la gagwe ba bone tse di yang maleng go sale nako.

O supile fa go lema ka nako go le botlhokwa ka dipula mo bogompienong di sa ikanyege. BOPA

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2017