Tsiane o itumelela temo
19 Jan 2017
E re ka monongwaga dipula e nnile tse di namagadi, balemi kwa Takatokwane le metse e e mabapi ga ba a ipona tsapa mo go beyeng tema.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi ya Takatokwane, Kgosi Makgabane Tsiane, a tlhalosa fa a itumedisiwa ke ka fa batho ba kgaolo ya gagwe ba tshologetseng temo ka teng.
A re se ke go supa fa le bone ba eme ka dinao go itirela dijo mo metseng ya bone.
Kgosi Tsiane o ne a tlhaosa fa a itumedisitswe ke se a se bonyeng fa a tsere leeto bosheng go lekola seemo sa temo mo kgaolong le go tlhomamisa fa batho ba motse o ba tsere kgakololo ya puso ya gore ba itirele dijo.
A re goya ka se a se boneng, o solofetse thobo e e seng kana ka sepe ngwaga ono. E re le ntswa go ntse jalo, balemi bangwe ba supile ngongora mabapi le beng ba diterekere bangwe ba kgaolo eo, ba re ga ba ba thuse ka botswapelo.
Mongwe wa balemi Baikanyeng Kgagodi o tlhalositse fa beng ba diterekere bangwe ba lemolola masimo mme ba a tlogele a sa lemiwa lebaka le le leele mme se se dire gore dijalo di siiwe ke bokgola. Ba tlhalositse fa seemo se se ngomola pelo thata ka goromente ene a otlolotse letsogo go duela boraditerekere.BOPA
Source : BOPA
Author : Koziba Masaseng
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 19 Jan 2017






