Bomme ba itoma molomo wa tlase
19 Jan 2017
Bomme ba le batlhano kwa Mahalapye ba ikopetse lenaneo go dira kgwebo ya go roka diaparo.
Bomme bao ke: Tshimologo Orebonye, Dimpho Keitebetse, Mmopi Manyapetsa, Boitshepho Dingake le Judith Baikalafi.
Mo potsolosong bosheng, moanamisa mafoko wa setlhopha seo, Mme Orebonye a re ba filwe dithuso tsa madi ke lephata la bong ka ngwaga wa 2014.
“E rile re bona re na le botsipa e bile bo tshwana ra bo re dumalana
go ikopanya gore re ikopele madi mo pusong go simolola kgwebo ya go roka,” a tlhalosa jalo.
A re ba ne ba kgona go reka ditsompelo tsa kgwebo jaaka matsela le dimatshine tse di rokang le tse dingwe fela jalo.
Ba ne ba sa fiwa dithuso tsa madi fela mme ba ne
ba isiwa sekoleng sa go roka selekanyo sa dibeke tse pedi mme ba tla ba amule go le gontsi.
A re kitso e ke yone e tshegeditseng gore kgwebo ya bone e tswelele pele go fitlha mo nakong eno.
Ba re ba ne ba bona go le botlhokwa go kwadisa khamphani e e bediwang 5 Ladies Fashion Design, a tlatsa ka gore khamphani e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ka fa molaong gape ba supa fa ba itsaya tsie.
5 Ladies Fashion Design ke khamphani ya bone botlhe jaaka ba le batlhano jaana gape ba na le seabe se se lekanang mo go yone.
E itebagantse le go dira paka ya dikole,dilwana tsa manyalo,dikhethene,diaparo tsa setso le tse dingwe fela jalo.
Go sale foo,ba bapatsa khamphani ya bone ka go bua ka yone gongwe le gongwe kwa ba tsamayang teng, ba kaile ba dira seo ka ntata ya gore ga ba ise ba nne le madi a go ka bapatsa kompone mo diromamoweng le
dikoranta.
Ba re ba ne ba nna le sebaka sa go supa dithoto tsa bone kwa ditshupong tsa bomme kwa Gaborone mme ba feta ka tse di tsididi ba ikgapela maemo
a ntlha mo kgaolong ya borwa yotlhe.
Moanamisa mafoko wa kompone a re ba leka ka bojotlhe go itepatepanya le kapari e ntsha e e gorogang mo setshabeng, a tlatsa ka gore go dira kapari e ntsha e ya bo e le go leka go dira dipoelo.
O kaile fa bana ba dikole e le bone mokwatla wa kgwebo ya bone segolo bogolo ba ba simololang mophato wa ntlha kwa dikoleng tse di potlana, le wa ntlha ko go tse dikgolwane ga mmogo le wa bone.
Ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone,ka jalo o
tlhalosa fa mabentlele mangwe a ba tseela kgwebo ka ba rekisa dilwana ka tlhwatlwa e e kwatlase e bile di sena boleng jo bo rileng.
Ba re ba kopa puso go tsenya leitlho mo mabentleleng a matona gore a seka a rekisa dipaka tsa dikole gore le bone ba kgone go bona lemmenyana e le bagwebi ba ba botlana.
A re dikgwedi tsa paka ya selemo go ya kwa mafelong a ngwaga kgwebo e nna ntsi thata,a tlatsa ka gore ke yone nako e ba rokelang batho thata
kapari ya manyalo ka jalo dipoelo e nne tse di botoka.
O ne a kgothatsa Batswana ka kakaretso go tsaya mananeo a tsia go ka fetola matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe ditiro.
Mme Orebonye o rotloeditse bagwebi go sa letlelela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go nna mmaba mo dikgwebong tsa bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 19 Jan 2017






