Seemo sa tsela se tshwenya banni
19 Jan 2017
Banni ba Ditladi kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga ba jesiwe diwelang ke seemo sa tsela e e ba golaganyang le Tonota ya selekanyo sa dikhilomithara di borobabongwe.
Banni ba supile matshwenyego ao bosheng mo potsolotsong. Mongwe wa banni, Rre Joseph Butale, o tlhalositse fa tsela eo e setse e le bogologolo e se bonolo go tsamaega ka jaana e tletse ka dikhuti tse di borai fela thata.
O tlhalositse fa dikhuti tseo di babalela dikoloi tsa bone ka jaana di senyega kgapetsa kgapetsa. Rre Butale o ne gape a supa letshogo la gore seemo sa tsela eo se na le kgonagalo e tona go baya motse wa bone ka fa mosing go ka bona ditlhabololo ga mmogo le gone go ka oka babeeletsi ba dikgwebo.
O tlhalositse fa motse wa bone e le mongwe wa metse ya lefatshe leno e e nang le meamuso le bokgoni mo mohameng wa temo-thuo. E ne ya re fa a tswa la gagwe mongwe gape wa banni ba motse oo mme Dinah Matshameko le ene a lela sa khuranyo ya meno mabapi le tsela eo.
Mme Matshameko o tlhalositse fa seemo sa tsela eo se baya matshelo a bone e le banni mo diphatseng segolo bogolo mo dipakeng tseno tsa dipula tse di mashetla tse di tsweletseng ka go gosomana lefatshe ka bophara.
O boletse fa e ne ya re bosheng sepagamo sengwe sa setshaba se se direlang mo motseng wa bone se ne sa batla go dira kotsi ka bone fa se ne se relela mo tseleng pula e nele thata.
O bile a kopa gore tsela eo e tshelwe sekonotere kgotsa e tsenngwe ditena (paving) gonne e sekgele se sekhutshwane sa dikhilomithara tse di robang bongwe.
Go sa le foo, Mme Matshameko o ne a tlatsa ka gore seemo sa tsela eo ke sone se dirang gore bagwebi ba dipagamo tsa setshaba ba tlhoke go tsamaela mo motseng wa bone.
A re mo nakong eno ba thusiwa ke dikhombi di le pedi fela le bese e le nngwe le ntswa motse wa bone o godile, mme e bile bontsi jwa sebaka ba bona ditlamelo kwa toropong ya Francistown kgotsa Tonota.
Ka jalo a tlhalosa fa go bona sepalamo go ya toropong go ba tsaya sebaka sa dioura di ka nna nne ba ntse ba letile le gone go boa tota go ba sokodisa.
Fa a akgela mongwe wa bagwebi ba dipagamo tsa setshaba tse di direlang mo tseleng eo, Rre Wazha Masima o tlhalositse fa tsela eo e ba kokonela thata mo dipalamong tsa bone.
A re dipagamo tseo di senyegetse ruri ka ntate ya seemo sa tsela eo, a tlatsa ka gore go senyega moo ga dipalamo go setse go ba kgoba marapo mo kgwebong ya bone.
“Re setse re sa itse le se re se dirang ka ntata ya go senyega ga dipagamo tsa rona. Re nna re baakayeditse ruri fela ka madi a mantsi, ”a bua jalo a supa fa dipata tsa bone di setse di tlhotlhoregile.
Rre Masima o tlhalositse fa go tsaya lebaka gore tsela eo e gopiwe go thusa go fema dikhuti. E rile a tsibogela matshwenyego a banni bao, mogolwane wa tsa boitseanape mo lephateng la ditsela la kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Wilson Phale, a supa fa ba itse ka seemo sa tsela eo.
O tlhalositse fa e se gore ba itlhokomolositse seemo sa yone ka jaana sebe sa phiri e le gore gompieno puso e sa ntse e tshwaragane le namane e tona ya letlhoko la madi go ka kgotsofatsa dikeletso tsa Batswana.
Fela mme o ne a tlhalosa fa mo maitekong a bone go ka araba dilelo tsa banni ba tsere tshwetso gore tsela eo e tshelwe karabole mo ngwageng o o tlang wa go abiwa ga madi a setshaba.
O tlhalositse fa sengwe le sengwe se dirilwe go emetswe madi fela gore tiro e simololwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : Ditladi
Event : Potsolotso
Date : 19 Jan 2017






