Breaking News

Ngwao e ka nonotsha boleng jwa lefatshe

19 Jan 2017

Kgosi Kwelagobe Mookodi wa Moshupa o kopile batsadi go ruta bana ngwao ya Setswana ka e le yone e ka tshegetsang le go nonotsha boleng jwa lefatshe leno le bokamoso jwa lone.

O buile jalo mo potsolosong bosheng. A re bagolo ba tshwanetse go ruta bana ngwao ya Setswana.

A re ba nne ba ba direla dingwe tsa ngwao kwa malwapeng jaaka go ba tlhabela mainane le go ba tlotlela ka ditso tsa lefatshe leno.

Kgosi Mookodi a re fa bana ba sa rutiwe ngwao ya Setswana go tswa bonnyeng ba ka felela ba nna le go tlhokatsebe mo ba ka tsogang ba gataka bone batsadi ba bone ka dinao.

O tlhalositse fa bogologolo ngwao e ne e ruta bana setho se se lolameng sa tlotlo, tlhompho le poifo mo bagolong jaaka mokgwa o o siameng wa go dumedisa bagolo ka gore dumelang rra, dumela mma.

“Rona pele re ne re itse fa e re motho a le ngwana a dumedisa mogolo a oba lengole go supa tlotlo,” ga bua kgosi.

A re mo bogompienong dilo di fetogile, bana ga ba sa tlhole ba tlotla bagolo mo e bileng go tlhabisa ditlhong go bona bana ba kwa mafelong a go nowang bojalwa teng e bile ba sena tsapa le ba fisang pelo fa ba bona ba e leng batsadi ba bone kana ba ba leng bagolwane mo go bone.

Kgosi Mookodi o ne a tswelela ka gore, le ntswa dilo di setse di senyegile, go sa ntse go na le sebaka sa go ka tsosolosa ngwao ya Setswana ka go e ruta bana ba sa le ba botlana.

A re maikaelelo a bone kwa kgotleng ke go nna ba bua le batsadi gore ba rute bana ngwao le go ba isa mo dikgotleng gore ba nne le thuto seka dipuisano le bana e le go ka tsibogela dikgang tsa go nonotsha ngwao ya Setswana. BOPA

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2017