Breaking News

Go tlhoka kgosi go ba baa kafa mosing

18 Jan 2017

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo ya Leshibitse, Mme Tuduetso Bai a re seemo sa go tlhoka Kgosi se ba beile ka fa mosing ka jaana ditlhabololo le dithulaganyo ka bontsi di le bonya ntateng ya go tlhoka tlhotlheletso ya lentswe la motsadi.

Mme Bai a re mo bogompienong ditsheko le merero ya motse di saletse kwa morago fa esale Kgosi Albert Moitoi a tlhokafala ka Tlhakole ngogola.

“Mo nakong eno go na le dikgosana tsa tetlanyo fela mme seo ga se a lekana le ntswa ba thusiwa ke Kgosi George Thwane wa Artesia go sekisa dikgang tse dingwe.
Dikgang bontsi di diega go rarabololwa” Mme Bai a tlhalosa.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Bai o papamaditse gore Leshibitse o aparetswe ke matshwenyego a mantsi a a tlhokang gore Kgosi a bo a le teng go thusa go a rarabolola.

A re naga e senang khudu tlou, boo Lobeto ba ipha naga, a tlhalosa gore bangwe ba tswa mo tseleng fela ka gore ba itse gore kgosi ga ayo.

O supile gore kgwetlho e tona e ba lebaneng le yone ke ya bana ba ba tlogelang dikole ba ya merakeng.

“ Bana ba basimane ba thapiwa go disa dikgomo fa ba basetsana bone ba inaya borre ba badisa go nna basadi ba bone,” a tshwaela a kaya gore seemo se se ngomola pelo e le ruri.

Mme Bai a re sebe sa phiri ke gore ditlamorago tsa ditiragalo tse ke go oketsega ga boimana jwa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase, go gola ga kanamo ya mogare wa HIV, borukutlhi le tiriso botlhaswa ya nnotagi e e felelang e baka dintwa le dintsho.

“ Fa ke soboka, dilo tse tsotlhe di dira gore lehuma le nne teng le ntswa puso e leka go re thusa ka mananeo.”

O ne a kaya gape gore dilo tsa go nna jaana di tlhoka gore kgosi a bo a le teng ka gore lentswe la motsadi ke pheko e bile kgosi thotobolo seolela matlakala.

Mme Bai a re komiti e tshwenngwa gape ke gore batsadi ba bana ba ba tlogelang dikole ga ba supe go kgathala ka jaana ba tlogela tiro yotlhe mo go ba ofisi ya boipelego go itebaganya le mathata a.  A re batsadi bangwe ba itlhokomolosa bana, ka jalo bana ba felele ba tlogela sekole mme ba ineelela ditiro tsa botlhokatsebe.

“Ngwana yo monnye o kgona go tlogelwa fela a sale a ile mme a tle bosigo mo lwapeng a bo a sa bodiwe gore o tswa kae.”

Godimo ga moo, Mme Bai a re banana ba Leshibitse ba boitseme go itirela ka diatla ba ikaeletse fela go thusiwa ke ba ofisi ya boipelego.

A re ga ba batle go bereka le fa e le go tsaya mananeo a puso go fetola matshelo a bone.

Le mororo go ntse jalo, Mme Bai o akgotse puso go bo e ba diretse ditlhabololo di tshwana le tsela, motlakase, sekole se sebotlana le kokelwana.

O kopile gore kokelwana e rekelwe koloi ya balwetse, a kaya gore mo bogompienong ba dirisa ya Artesia ba e amogana le ba Kgomodiatshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Karabo Molosi

Location : Leshibitse

Event : Potsolotso

Date : 18 Jan 2017