Breaking News

Ba Boteti ba lela ka ditlou

18 Jan 2017

Banni ba Rakops mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka ditlou tse ba reng di ba senyetsa mo masimo. Banni ba ikuetse jaana kwa phuthegong ya mopalamente wa Boteti Bophirima yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane bosheng.

Mothusa kgosi, Rre Kagiso Mabona a re ere ntswa dipula di nele ka bokete monongwaga, banni ga ba leme ka bontsi ka gore ba kgojwa marapo ke ditlou tse di ba senyetsang. Kgosi Mabona a re banni ba batla tona wa tsa tikologo le tshomarelo bojanala gore ba tle go buisa le ene gore ba dira jang go fema seemo se.

Banni ba gape ba lela ka go re ba lephata la tsa tikologo le tshomarelo bojanala ba diega go tla fa ba begetswe tshenyo ya diphologolo gammogo le madi a phimolokeledi a ba reng le one a a diega.

E rile fa ba araba mogolwane wa lephata la tsa tikologo tshomarelo bojanala, Rre Mmoloki Kepaletswe a tlhalosa gore go dirwa terata e e kgaoganyang diphologolo le mahudiso go tswa kwa Seokwane 3 go tsena kwa tseleng ya Francistown kwa Moreomaoto e tlaa busetsang diphologolo mo phakeng, a re o solofela gore ka yone ba tlaa fema seemo.

Rre Kepaletswe a re lebaka le le dirang gore ba nne bonya go tsibogela dipego tsa balemi-barui ke tlhaelo ya dikoloi, a tlhalosa gore tiego ya phimolokeledi e bakwa ke tlhaelo ya madi.

A re mo ngwageng wa madi o o tlaa welang ka Mopitlo ba ne ba kopile P2.7m mme ba fiwa P700 000 fela, a re ba santse ba letetse madi gore ba tle ba duele ba ba kolotwang, a tlatsa ka go re ba duela ba ba tsileng pele.

Rre Kepaletswe a re le ntswa go na le bangwe ba ba ngongoregang ka go tsenngwa ga terata e e kgaoganyana diphologolo le batho, puso e tsere tshwetso ya go e tsenya e bile e setse e ntsheditswe madi gore e simololwe.

Tona Tsogwane o ne a ba tlhalosetsa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng jaaka lenaneo la ditogamaano la NDP11, Vision 2036, madi a dikgaolo a tsa botlhophi a ditlhabololo e leng P10 million.

O ne gape a re ka ntata ya dipula tse di neleng lefatshe ka bophara, leuba le wetse tlase, ka jalo madi a phokoletso ya dijo tsa loruo a emisitswe ka Sedimonthole.

Rre Tsogwane a re lephata la botsogo le boitekanelo le simolodisitse lenaneo le lesha la go lwantsha mogare wa HIV la Test and Treat, le e reng motho a fitlhelwa a na le mogare a simolole diritibatsi gone foo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jan 2017