Breaking News

Umbrella for Democratic Change e kopa tlhopo

18 Jan 2017

Baeteledipele ba phathi ya Umbrella for Democratic Change ba kopile banni ba Tsabong Bokone go ema phathi ya bone nokeng mo ditlhopong tsa poeletso tsa kgaolwana eo tse di solofetsweng go tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le motso.

Ba dirile kopo e mo bokopanong jwa phatlalatsa jo ba neng ba bo tshwere mo Tsabong ka letsatsi la Matlhatso kwa gape go neng go supiwa ntlhopheng wa phathi eo Rre Mock Ntau.

Fa a ema bokopano joo ka lefoko mookamedi wa phathi ya Umbrella Rre Duma Boko o tlhalositse fa go le matshwanedi gore batho ba kgaolwana eo ba fe Rre Ntau tlhopho ya bone ka jaana e le lebutswa pele la polotiki le le tswang kgakala le mokgatlho e bile a itse letlhoko la kgaolo.

O supile gore fa e le gore ba dumela gore ke batho ba ba nang le boleng e bile ba na le ditshwanelo ba tlaa tlhopha Rre Ntau.

O tsweletse ka gore Rre Ntau o ba siametse ka gore fa a le ko khanseleng o tlaa nna a kopa puso gore e fe Batswana ditlamelo tsa maemo a ntlha, mananeo a motia e bile a na le bokamoso le gore bagolo ba okelediwe madi a ba a amogelang.

Rre Boko o supile fa ditlhopho tseo tsa poeletso banni ba tshwanetse go di tsaya jaaka matlhagolela tsela ya ngwaga wa diditlhopo tsa setshaba tsa 2019.

Fa atswa la gagwe Rre Ntau o supile fa a dumela gore o tshwanetse go isiwa khanseleng ka gore o setse a kile a bowa teng ka jalo a sa tlhoke go ya go rutuntshiwa gore khansele e tsamaisiwa jang.

O supile fa a tlogetse ditiro dingwe di ise di wele ka nako ya gagwe fa a sa ntse a le ko khanseleng jaaka ya metsi a a letswai le ntswa go na le lefelo le lesha la go tlhatswa metsi.

Rre Ntau o supile gape gore o ikaelela go ya go itebaganya le thuto e a reng maduo a yone a ile ko tlase mme o tlaa leka go tshwaraganya batsadi le barutabana gore maduo a kgone go nna a a nametsang.

Gone kwa bokopanong joo go ne ga amogelwa maloko a feta lekgolo go tswa mo diphathing tse dingwe tsa sepolotiki go ralala kgaolo ya Kgalagadi Borwa. BOPA

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 18 Jan 2017