Mopalamente Rre Mzwinila o lekola kgaolo
18 Jan 2017
Mopalamente wa Mmadinare yo e bileng e le mothusa tona wa tlhabololo metshameko le ngwao Rre Kefentse Mzwinila a re tiriso ya madi ya ngwaga ya NDP11 e setse e dirilwe e bile e wetse.Rre mzwinila o ne a bua seo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Robelela.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo lefatsheng le madi a a tlaa dirisiwang a golela pele. A re se se raya gore mo ngwageng wa NDP11 go ya go nna le tlhaelo ya madi mo go tlaa pateletsang puso go ya go adima madi kwa letloleng la dipolokelo, ka letseno la madi le sa tlhole le tshwana le la dingwaga tse di fetileng.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa puso e ne e ikaegile thata ka dikarolo tse tharo tse e neng e bona madi ka tsone, e leng ditswammung, lekgetho,bojanala le theko ya nama kwa mafatsheng a Europe.
O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno theko ya tsone e wetse kwa tlase mo go pateletsang puso go tswala mengwe ya meepo.Rre Mzwinila o tsweletse a tlhalosa fa theko ya nama le yone e supa fa e sa tlhole e rekwa jaaka pele.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa ditlhabololo tse dintsi di tlaa dirwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP11 nngwe ya tsone e le kago ya matlo a mapodisi kwa Mmadinare, go tlhabolola sekole se segolwane sa Motlhasedi kwa Tobane, sekole se sebotlana sa Sedibe kwa Damochojenaa, kgokelo ya metsi e e tlwaelesegileng ka go bidiwa Serule Cluster Project le go tlhabolola letamo la Letsibogo ka madi a a kana ka P150 miliion fa la dikgatlhong le ya go dirwa ka madi a a kana ka P350 million go tsenya ditlamelo di tshwana le pompo ya metsi (pump station) le mealo ya kgopho ya metsi a a leswe gore ba ba kgatlhegelang go bula madirelo a bojanala ba dire jalo.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa se se tsile go tlhamela bana ba metse eo ditiro.
Rre Mzwinila o tsweletse a tlhalosa fa puso e dule ka lenaneo le le bidiwang Constituency Development Fund maikaelelo a lenaneo leo e le gore dikgaolo di kgone go itirela ditlhabololo tse ba eletsang go di dira mo metseng ya bone.Rre Mzwinila a re kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi ya mopalamente e tlaa neelwa madi a a kana ka P10 million mme a ya go kgaoganngwa ka dikgaolwana tsa botlhophi tsa makhanselara.
Le fa go ntse jalo Rre Mzwinila o kgothaditse morafe go tshwaragana le bagogi ba motse jaaka dikgosi,makhanselara komiti ya ditlhabololo go dirisa lenaneo la Constituency Development Fund ka kelotlhoko gore le tle le ba tswele mosola.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa ba ka kgona go aga matlo a badirelapuso le go aga leobo la kgotla mme ba dirisa lenaneo la ipelegeng go fokotsa ditshenyegelo tsa go thapa bo radikonteraka ba ba ka ba lopang madi a mantsi.
O solofeditse fa e tlaa re ka kgwedi ya Moranang madi ao a isiwe kwa lephateng le le maleba e re morago a fetisediwe kwa dikgaolong tsa botlhophi.
Rre Mzwinila o ne a tlhalosa fa selelo sa morafe sa gore ditlhabololo di ganelela kwa dikgaolong di sele e tlaa nna selo sa maloba. Kwa bofelong modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa Rre Nathaniel Moribame o kgothaditse morafe wa Robelela go ema ka dinao gore ba kgone go bona ditlhabololo di goroga mo motseng wa bone ka fa tlase ga lenaneo la Constituency Development Fund. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jan 2017






