Batsadi ba rotloediwa go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana
18 Jan 2017
Batsadi ba motse wa Xere mo kgaolong-potlana ya Boteti Bophirima ba rotloeditswe go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana ba bone.
Se se builwe ke mogolwane wa thuto Rre Othusitse Namane ko phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima Rre Slumber Tsogwane ko motseng oo ka Labone.
Rre Namane a re maduo a sekole se sebotlana sa Xere a kwa tlase mme a supa gore ka ngwaga wa 2015 ba ne ba fentse ka lesome le bosupa mo lekgolong ba le mo maemong a bo 25 ka 2016, fa ba fentse ka masome a mararo le borobabobedi mo lekgolong ba ntse ba le mo maemong a bo 25 e le bone ba bofelo mo dikoleng tsa kgaolo ya Boteti ka bophara.
Rre Namane a re mathata a ba kopanang le one ke a batsadi ba ba sa tseneng diphuthego tsa batsadi le barutabana. A re batsadi ba bana ba sekole se sebotlana sa Xere ga ba kgathale ka thuto ya bana ba bone ka jaana ba bangwe ba tlogela sekole mme batsadi ba se ke ba tsiboge.
Rre Namane a re mogokgo wa sekole se o tshwere bothata ka gore nako e ntsi ke ene a latelang bana fa ba sa iponatse ko sekoleng.
Rre Namane o ne a ba kopa go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone a re barutabana ga ba kake ba kgona ntle le thotloetso ya batsadi. Rre Namane o ne a supa gore barutabana ba nakwana ba rutetswe tiro ke gore fela ga ba hirelwe ruri.
E ne e rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Erick Semausu a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya barutabana ba sennela ruri ko sekoleng se sebotlana sa Xere.
Rre Semausu o ne a supa fa tlhaelo ya barutabana e le yone e bakang gore maduo a wele tlase a re go dirisiwa barutabana ba nakwana ba le bane ba a reng fa lebaka la bone le wetse go tsaya sebaka gore ba emisetswe.
Modulasetilo o ne a supa gape gore ntlwana ya boapelo e sale e tlogetswe e sa fela, a tlatsa ka gore ko kokelwaneng go dirisiwa sefetlhamotlakase se a reng bosigo se a tima a re ba kopa go tsenyetswa motlakase wa marang a letsatsi.
O ne gape a re ba kopa mooki yo o belegisang ka gore ko baimana ba isiwang teng ko sepateleng sa Rakops go kgakala, a re seemo se se dira gore nako e ntsi baimana ba belegele mo malwapeng.
Tona Tsogwane o ne a ba lekodisa ka tse di builweng ko palamenteng e e fetileng a tlhalosa gore lenaneo la ditogamaano la NDP11 le ya go godisa itsholelo ka bojanala le temo-thuo ka jalo a ba rotloetsa go tsaya mananeo a tsone ba bo ba dire ka thwaafalo gore e nne kgwebo.
Rre Tsogwane o ne a ba rotloetsa go tsosolosa lekgotla la ditlhabololo la bone la motse gore ba tle ba dire dikgwebo tsa bojanala ka lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Xere
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jan 2017






