Breaking News

Balemi ba phophoma ka boitumelo

17 Jan 2017

E re fela ngwaga e sena go feta morago ga lefatshe la Botswana le sena go ipelela dingwaga di le masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa, dipula di ne ne tsa na ka matsorotsoro go tisa boitumelo mo baleming.

Lekalana la dikgang la BOPA le ne la etela mangwe a masimo a kgaolo ya Ngwaketse Borwa, go lekola balemi.

Rre Kabelano Mohutsiwa yo o lemang kwa motseng wa Gasita, o buile fa pula ya monongwaga e tla nna e namagadi ka e nele ka mmetela. A re o kgaogantse tshimo ya gagwe a lema mmidi, dinawa le nche.

A re seo se tlaa dira gore balemi-barui ba nne ka dipelo tse ditshweu ka leruo la bone le ne le tsamaya mme le lengwe le felela mo tseleng.

Rre Mohutsiwa o  tswelela a tlhalosa fa selelo sa balemi-barui mo Botswana se ka arabesega fa pula e ka tswelela e ntse e na gore thobo e nne e e nametsang.

O buile fa e le mongwe wa ba ba thusitsweng ke puso mo go lemeng tshimo ya gagwe e e diekere tse di lesome, a re seo se ba namotse mo letlhokong la go tlhoka didirisiwa tsa go lema.

A re mananeo a tshwana le ISPAAD, a puso e neng ya a simolodisa go thusa Batswana a le botlhokwa mo a namotseng bangwe mo lehumeng.

“Lefatshe leno le tlaa bo le namoge mo maubeng a dingwaga tse dintsintsi tse di fetileng” ga bua Rre Mohutsiwa.

O kopile balemi ka ene go tlhwaafalela temo gore lefatshe leno le nne le dijo tse di lekaneng. BOPA

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 17 Jan 2017