Seabe sa batsadi se botlhokwa
17 Jan 2017
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motokwe Mme Seikgopi Mphotlwe a re o tshwentswe ke tlhaelo ya kemonokeng ya batsadi mo thutong ya bana.
E rile a bua mo potsolosong bosheng, Mme Mphotlwe one a tlhalosa fa go tlhoka kemonokeng le go tshwaraganela thuto ya bana go na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana, mme a re go ngomola pelo go bo batsadi ba le maoto a tshupa mo thutong ya bana le ntswa e le yone e e ka tsogang e ba boloka.
A re go na le batsadi ba ba rontshang bana tshwanelo ya thuto ka go ba ntsha mo sekoleng ba ya go nna le bone kwa merakeng.
A re matswenyego a mangwe a ba nang nao mo sekoleng seo ke a palo e e kwa tlase ya barutabana, a re se se dira gore ba felele ba kopanya bana mo matlwaneng a borutelo gore ba rutwe ke morutabana a le mongwe.
O ne a tswelela a supa fa bana ba na le bokgoni mme ba tlhoka thotloetso go tswa mo botsading, a bolela fa sekole sa gagwe se okeditse maduo a lekwalo la bosupa ka palo ya masome a mabedi mo lekgolong go tswa mo maduong a ngogola a re ba itlama go tshwara ka natla gore maduo a a seka a wela ko tlase.
E rile a latlhela la gagwe, Mme Ontlametse Lephirimile yo e leng morutabana wa bana ba lekwalo la ntlha a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba kwadise bana ba bone ka dipalo tse di nametsang gore ba ba bule ditlhaloganyo gore e re ba ya go dira lokwalo lwa ntlha ba bo ba setse ba kgona go bala le gone go kwala.
A re thuto ya bana ba bannye e botlhokwa fela thata ka e ruta ngwana pharologanyo ya sekole le kwa lwapeng gore ba seka ba tshaba sekole fa ba setse ba alogile.
O ne a tswelela a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa thuseng bana tiro ya bone ko lwapeng ka ba felela ba ketefalelwa ke go itse gore a ngwana o tlhaloganya se a se rutiwang kgotsa jang. BOPA
Source : BOPA
Author : Boago Gaoatswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2017






