Se diriseng mekoro ya logong
17 Jan 2017
E re le ntswa mokoro wa legong o tswa kgakala o dirisiwa mo dinokeng ke bangwe mo kgaolong ya Bokone Bophirima go tsaya mesepele, go kgabaganya dinoka, le go tshwara ditlhapi, go lebega mokoro o, o baya matshelo a bapagami le bakgweetsi ba one mo diphatseng.
Mo potsolotsong bosheng le mookamela mapodisi a Maun, Rre Motlhaba Ramabyaa o supile fa banni bangwe ba motse wa Maun, ba itsapa go dirisa marogo go kgabaganya dinoka mme ba dirisa mekoro ya legong go tlola gongwe le gongwe fa go leng gaufi le kwa ba batlang go ya teng.
A re banni bangwe ba tlotlile mokoro o, ka go bo o tswa goo lowe o dirisiwa mo dikgaolong tsa Bokone Bophirima, ka e bile o le motlhofo go diriwa gape o sa lope madi a a kalo.
Rre Ramabayaa o tsweletse ka go supa fa bangwe ba pagama mekoro e, e le go itlosa bodutu mo nokeng ya Thamalakane fa gongwe ba lekeletsa ba sa itse thuma le gone go o tsamaisa mo metsing.
E re le fa go ntse jalo, mookamela mapodisi a Maun o tlhalositse fa bangwe ba felela ba tlhokile lesego ba nwetse mo nokeng e, mme ba ntshiwe ke mapodisi le ba sesole ba tlhokafetse.
A re monongwaga, ba setse ba kwadisitse dintsho tsa batho ba ba nwetseng mo nokeng ya Thamalakane ka mekoro ba le barataro.
O supile fa ba le batlhano e le Batswana fa a le mongwe e le moZimbabwe.
Mookamela mapodisi o tlhagisitse banni gore ba seka ba dirisa mekoro e, go kgabaganya le go tsaya mesepele mo dinokeng ka e baya matshelo a bone mo diphatseng.
O supile fa mekoro e, e fekeediwa ke diphefo tse di mashetla.
“Fa diphefo di tsubutla mokgweetsi o kgona go palelwa ke go fuduwa metsi go tsamaisa mokoro mme ba felele ba nwetse mo metsing le bapagami,”ga bua Rre Ramabyaa.
A re go motlhofo gore batho ba ba dirisang mokoro o wa legong, ba tlhaselwe ke diphologolo tse di borai tse di nnang mo metsing jaaka dikubu le dikwena tse di ka bayang matshelo a bone mo diphatseng.
O tlhagisitse batho gore ba seka ba itsapa go dirisa marogo go tlola dinoka ka ke one a a babalesegileng go ka dirisiwa ka dinako tsotlhe.
A re ba dirise mekoro ya sekgowa e e dirisang motlakase, ka e babalesegile go feta ya logong.
O ne a wetsa ka go gakolola banni gore, batsadi ba netefatse gore bana ba bone ba tshamekela kgakala le dinoka ka ba ka fitlhela mekoro e mme ba lekeletse go tshamekela mo nokeng ka yone. BOPA
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2017






