Mogwebi o gwetlha banana go itlhamela ditiro
17 Jan 2017
E re ka lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro mo bananeng, monana wa kompone ya Negust Holdings PTY. LTD kwa Maun o gwetlhile banana go itlhamela ditiro le go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone.
Mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, Rre Ompatile Molefhe e leng monana wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe yo o gwebang ka go rekisa maranyane a inthanete ke gore
“internet cafe” ka sekgowa, go ntsifatsa meriti ya dipampiri, go baakanya le go rekisa dikhompiutara o ne a bona go le maleba gore a itshimololele kgwebo ya gagwe ka a ne a bona go sena tiro epe e a e bonang fa a sena go fetsa sekole sa gagwe.
Ka mokodue go tsosiwa o o itsosang, Rre Molefe o gwetlhile banana fa puso e phutholotse letsogo ka jalo go le mo maruding a bone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la Youth Development Fund gore ba fiwe ledi go itlhamela ditiro.
O supile fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka matsana a a neng a a kgobokanya ka go tlhatswetsa batho dikoloi mme a simolola ka go reka khompiutara e le nngwe, e a neng a e dirisa go kokotletsa go reka tse dingwe go fitlhela kgwebo ya gagwe e nna e atologa e nna le tsotlhe didiriswa tse a di tlhokang.
A re ka go bo a dira ka botswerere, botswapelo le bonokopila, kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka e bile e na le lekalana le lengwe kwa Letlhakane, mme a ikaelela gore e aname le dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno.
Rre Molefe a re banana ba dirise dikitso tse ba di ithutileng kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro go tlhama mebereko ka seo se ka sologela dikgwebo tsa bone molemo.
A re banana ba ikitee sehuba fa ba simolola dikgwebo tsa bone gore di seka tsa felela di phutlhame.
“Go nna mogwebi ga se selo se se motlhofo mme o tshwanetse wa nna o le malala a laotswe go emelelana le seemo sengwe le sengwe se se ka tlang se lebagane kgwebo, go na le nako e kgwebo e ka sekeng e dire letseno sentle, mme fa o le mogwebi ga o a tshwanela go ineela ” ga bua Rre Molefe.
A re kgwebo ya gagwe e setse e thapile banana ba le boferabongwe mme e bile o setse a ikaegile ka yone botshelo jwa gagwe botlhe go mo tshetsa.
Rre Molefe a re se sengwe gape se se ka dirang gore kgwebo gore e tswelele ke go somarela letseno lengwe la yone ka go le dirisa sentle gore e re motlhang kgwebo e sa dire letseno e kgone go itsetsepela.
A re go tshwara babereki sentle mo kgwebong ka go ba duela ka nako, bophepa le fa baji-bareki monyenyo mo kgwebong ke selo se se botlhokwa fela thata ka go godisa kgwebo.
O kgothaditse banana gore ba seka ba itlhaganelela go reka dikoloi tsa madimadi ka matseno a dikgwebo ka seo se ka felela se dira gore e phutlhame. BOPA
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2017






