Kgathi o kgotlhatsa bagokgo
17 Jan 2017
Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi a re tiro ya barutabana ke go dira gore baithuti ba dire sentle mo dithutong tsa bone.
Fa a buisa bagokgo ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane tsa kgaolo ya Bobirwa bosheng Rre Kgathi a re bagokgo le barutabana ba tshwanetse go ema ka dinao jaaka ba supile mo ngwageng o o fetileng go tswelela ba ntsha maduo a mantle.
Rre Kgathi o akgotse dikole tse dipotlana go bo ba dira ka natla go ntsha maduo a tlhwatlhwa.
O supile fa bagokgo jaaka baeteledipele ba tshwanetse go tsaya ditshwetso tse di maleba, gore ba kgonne go dira sentle.
Rre Kgathi yo gape e leng tona ya itshireletso, molao le thokgamo a re bagokgo ba tshwanetse go laola barutabana mme ba sa ba gatelele, ga mmogo le go nna le boikarabelo ja go bona gore batsadi ba tsena dipitso tsa sekole le go tlhatlhoba tiro ya bana ba bone.
Rre Kgathi a re fa maduo a sa itumedise, boikarabelo ke ja mogokgo mme a kopa gore ba eme ka dinao.
Mopalamente o ne a galaletsa maduo a sekole sa Lentswelemoriti ka se tsweletse ka go dira sentle ngwaga le ngwaga gape a leboga le sa Mathathane kwa batsadi ba dirileng komiti ya bogakolodi mme bana ba sekole seo ba tsweletse ka go dira sentle.
Rre Kgathi a re o leboga gore dingwe dikole tse di neng di sa dire sentle mo dingwageng tse di fetileng tsa Mabolwe le Borotsi gompieno di gatetse pele.
A re o tshwenngwa ke sekole se sebotlana sa Mabumahibidu se se sa direng sentle mme a kopa gore go emelwe seemo seo ka dinao.
O kopile barutabana go dirisa baithuti ba pele go thusa ka bogakolodi le dithuso tse dingwe tse di tlhokafalang mo dikoleng.
Kgang e nngwe e e tshwenyang ke boimana a re seemo sa boimana mo dikoleng tsa kgaolo ya Bobirwa se ama dikole tse dikgolwane ga mmogo le tse dipotlana mme a kopa botlhe go ema ka dinao.
O supile fa mo ngwageng o kompone ya World Group of Companies e tlaa abela dikole tse dipotlana di le tlhano paka ya sekole.
Rre Kgathi a re kompone ya dibuka ya Paper for Africa e ntshitse P5000 le seetsele tse di tlaa fiwang sekole se se gaisitseng tsotlhe le moithuti yo o gaisitseng, le go fa dikole tsotlhe tsa kgaolo e dibuka go tswa kwa lekwalong la ntlha go ya kwa go la bone, le go leboga morutabana yo o gaisitseng ka P2500.
Moeteledipele wa thuto mo kgaolong ya Selebi Phikwe Bobirwa (SELEBO) Mme Lilian Matshameko a re seemo sa boimana, le go tlogela sekole ka mabaka a a farologanyeng ga se jese diwelang.
Le fa go ntse jalo a re mo kgaolong ya Legare, SELEBO e tsere maemo a ntlha e bile ga go sekole sepe se se tsereng maemo a a kwa tlase ga masome a matlhano mo lekgolong mo maduong a dikole tse dipotlana.
A re kgaolo e jaanong e na le badiredi ba thuto ba maemo a magolwane go itebaganya le diemo tsa thuto.
Fa ba tswa la bone mogokgo wa sekole se segolwane sa Matshekge Rre Baboloki Bajiti a re bontsi ja baithuti ba ba tshabelelwang ke boimana ke ba gantsi ba tsereng maemo a boraro go tswa kwa dikoleng tsa junior secondary.
Rre Bajiti a re ba tshwenngwa ke baithuti ba ba dirisang ditagi bogolo jang motokwane.
Mothusa ramapodisi wa Bobonong Rre Nshaki Mabophiwa o kopile gore dikgang tsa baithuti ba ba dirisiwang mo go tsa tlhakanelo dikobo mme ba le dingwaga tse di kwa tlase di begelwe ba sepodisi.
Rre Mabophiwa a re ba amogela dikgang tse dintsi go tswa kwa dikoleng tse baithuti ba betsang barutabana. BOPA
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Bokopano
Date : 17 Jan 2017






