Breaking News

Tlhaelo ya madi e kgoreletsa ditirelo-Batshu

16 Jan 2017

Tlhaelo ya madi e amile ditlhabololo ka bontsi tse Batswana ba neng ba di nyoretswe mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo la lesome le bongwe.

Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu o buile jaana fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Timbi le Magapatona bosheng mme a re tsela ya Francistown-Nata e batho ba lelang ka yone ga e a akarediwa mo lenaneong leo.

O tlhalositse fa seo se dirilwe ke lebaka la tlhaelo mme a supa fa puso e tlaa e nna e leka bojotlhe go thiba le go baakanya tsela eo fa go santse go emetswe madi a go ka e dira.

Rre Batshu, yo e bileng e le tona wa boagedi, mesepele le merero ya bong, o ne a bolela fa go tlaa agwa kokelo ya malao a a masome a supa kwa Tutume go fokotsa mosuke kwa kokelong ya Tutume.

A re gape le matlo a mapodisi a le lesome le borobabongwe a tlaa agwa mo lenaneong leo mme one a solofetswe ka ngwaga wa madi wa 2020/2021.

Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a bolela fa lephata la ditsha le matlo ba atolositse malatsi a ikwadiso ya ditsha go ema ka kgwedi eno e ya fifing, ka jalo a kopa ba ba neng ba seka ba kgona go ikwadisa go dira jalo.

O bolela fa dikgang tsa petelelo le go dirisa bana botlhatswa di ile magoletsa e go hira batswakwa ba ba seng ka fa molaong mo kgaolong.

Banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi, bogolo jang seru se se neng sa ba wela ka malatsi a botsalo jwa Morena, ba re ba ne ba patelesega go nwa metsi a megobe le a noka, selo se ba kaileng se beile matshelo a bone mo diphatseng.

Gape a ba re ba sale ba tshephisitswe go sielwa metsi a a tswang letamo la Ntimbale nako kgolo ke eno.

Rre Lambani Moeti wa kgotla ya Timbi o kopile puso go tsibogela tsela ya Francistown-Nata a re ke yone e e tshwereng matshelo a batho gape ke yone e e dirisiwang thata ke bajanala go ya kwa dikgaolong tsa Chobe le Nhabe.

O ne gape a kopa gore lenaneo la Ipelegeng le emisiwe ka nakwana go fa balemi sebaka sa go lema le go tlhokomela masimo.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a morafe, Rre Batshu o boletse fa go gokela diphaephe tsa metsi go tswa Ntimbale go lopa madi a mantsi, mme puso e santse e na le kgwetlho ya madi.

A re diphaephe tse di teng ga di kake tsa kgona go tshegetsa bokete jwa metsi ao jaaka bangwe ba ne ba akanya.

Rre Batshu o mo loetong lwa kgaolo ya gagwe go ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng le go tsaya megopolo mo bathong go isa kwa palamente e e tlang. BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2017