Lenaneo la LIMID le fetola matshelo a banana
16 Jan 2017
Lenaneo la LIMID go bolelwa le tsabakela ka go nonotsha le go tiisa banana ba ba neng ba latlhegetswe ke tshepho mo temo-thuong.
Go tlhalositse jalo monana wa motse wa Bodibeng mo kgaolong ya Ngami mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA. Mme Dorcus Kanyose o kaile fa dipodi tse a di akotseng ka fa tlase ga lenaneo la LIMID, di fetotse botshelo jwa gagwe fela thata.
A re e ne e le motho yo o sailang mo mebileng mo motseng wa Maun a kgatlhiwa ke monate wa diletso ga mmogo le maitiso mme a sena kgatlhego ya go ya morakeng.
A re le ntswa a godisitswe ke batsadi ba ba neng ba beile botshelo jwa bone mo temo-thuong, ene mo go ene e ne e le dinyana fela a bona e se botshelo jo bo botoka.
Le fa go ntse jalo, a re o ne a itumelela seabe sa puso ka go mo fa dipodi tse di lesome le botlhano ngogola tse a tlhalositseng fa jaanong a tsaya nako yotlhe a le kwa morakeng a disa a tlogetse menate.
“Ke itemogetse fa go tlhoka go dira sepe go na le seabe sa ditiro tse di maswe mo bananeng segolo jang nnotagi e tiriso ya yone e tsereng phekelo e sele,” a tlatsa jalo.
O supile fa selo se gantsi se dirang gore dipodi kgotsa dikgomo tse gantsi di fiwang banana ka fa tlase ga mananeo a puso di felele mo phefong ke go tlhoka bopelotelele, lorato le tlhokomelo mo go tsone.
O kgadile mokgwa wa go tsaya mananeo mme morago batho ba a phuaganye ba ye go sele a re go dira jalo ke go phutlhamisa maiteko a a molemo a puso e a dirang go leka go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a Batswana.
Mme Kanyose o tlhalositse fa a ne a itlhopela go tsaya dipodi ka thotloetso ya batsadi ba gagwe ba bone ba nang le botsipa ka tsa temo-thuo, a re jaanong o setse a itse le gone gore dipodi di tlhokomelwa jang.
O ne gape a re o lebogela thotloetso ya mokenti ka a nna a mo eme nokeng gangwe le gape go bona gore leruo la gagwe le kentilwe kgotsa le tipilwe go bolaya dinwamadi di tshwana le dikgofa.
Le fa go ntse jalo a re sebe sa phiri mo thuong ya dipodi ke dibatana tse a reng di setse di jele dipodi tsa gagwe di le thataro. A re le gale seo ga se kake sa mo kgoba marapo mo thuong ya gagwe. “Ke tlaa rua dintsa tse di disang go nthusa go disa mo motshegareng fa dipodi di ile go fula kwa nageng,” a tlatsa jalo.
O ne a tswelela a tlhalosa fa toro ya gagwe e le go tlhabolola losika lwa dipodi tsa gagwe ka e le tsa Setswana fela gore a nne le dipoelo ka dinako tsa thekiso.
Mme kanyose a re dipodi tseo di mmutse tlhaloganyo e bile o kgona go lemoga fa go rua e se tiro ya bagolo fela kgotsa batho ba ba sa rutegang jaaka bangwe ba akanya, mme e le botshelo jwa mongwe le mongwe.
E re go ntse jalo, Mme Kanyose o kopile banana go tlogela mokgwa o o atilelng wa go sianela go inaakanya le dikgwebo tse di setseng di tserwe ke ba bangwe jaaka go apaya borotho, go loga moriri le tse dingwe. A re mokgwa oo o phutlhamisa dikgwebo ka go tlaa bo go sena theko ka ntata ya bontsi jwa dikgwebo tsa mothale o le mongwe.
A re kgwebo e tshwana le ya leruo ga e a tlala thata mo kgaolong ka ebile batho bangwe ga mmogo le lone lenaneo la LIMID le tlhaelelwa ke dipodi ka palo ya tsone mo lefatsheng leno e le kwa tlase.
Mme Kanyose a re leruo jaaka kgwebo nngwe le nngwe le tlhoka tlhokomelo le tsamaiso e e lolameng go akaretswa le mekwalo ya tiriso kgotsa theko ya melemo le didirisiwa.
O iteetse kobo moroko ka gore go rua hela ka bo gone go mo file seriti ka a ikutlwa a le motlotlo le ene a tswana le barui ba bangwe.BOPA
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 16 Jan 2017






