Ba Mokoswana ba lela ka borukutlhi
16 Jan 2017
Banni ba motse wa Mokoswana mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba lela ka seemo sa borukutlhi, tiriso botlhaswa ya nnotagi le boganana jo bontsi mo motseng wa bone.
Banni ba supile ngongorego e, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone Mme Botlogie Tshireletso kwa motseng oo ka Labobedi.
Ba supile ba sa kgwe mathe ka fa borukutlhi bo leng bontsi mo motseng wa bone ka teng mme e bile selo se se dira gore ba senyege leina e le ba Mokoswana.
Ba re go bo borukutlhi bo le kwa godimo mo motseng wa bone ke letlhoko la mapodisi, le ba kopileng mopalamente gore gantsi fa ba bega dikgang tsa bogodu kgotsa tsa borukutlhi mapodisi kwa Mahalapye ba bo ba tsaya lobaka go tla kwa go bone.
Mongwe wa batsaya karolo mo phuthegong eo Rre Steven Hay o ne a bua a sa kgwe mathe ka fa bogodu ja leruo bo ileng magoletsa ka teng mo motseng wa Mokoswana mo ba setseng fela ba iphotlhere.
Rre Hay a re o kile a bo a na le dikgomo tse dintsi mme mo nakong eno ga a na le fa e le kgomo mme a lekile go ikuela kwa mapodising a Machaneng le a Dibete mme le mo nakong eno go sena nko e tswang lemina.
A re batho ba gantsi ba ba ipayang meraka kwa thoko ga motse wa bone ke bone ba ba utswelang leruo ka jalo a kopa gore puso e dire sengwe ka kgang e.
Mme Kgomotso Ketumile ene, o ne a supa fa borukutlhi mo motseng wa Mokoswana bo ka se fele ka jaana motho fa a thubeditse kgotsa a utswile o nna dibeke tse pedi fela mo kgolegelong mme a tloge a ntshiwe.
Mme Ketumile a re se, se dira gore motho a ipoeletse a dire bosula joo gape, ka jalo a kopa puso le mopalamente go kganela go ntsha batho gotwe baya go letela tsheko ba le kwa ntle.
Le fa go ntse jalo banni ba ne ba dumelana fela ka bongwe jwa pelo gore ba tshwanetse go ema ka dinao, ba ikopanya ba lesa go bipa mpa ka mabele ka bontsi jwa borukutlhi bo dirwa ke bana, basadi ga mmogo le borre ba motse wa bone.
E ne ya re go le pele a ba ema ka lefoko mopalamente Mme Tshireletso a ba tlhalosetsa fa motse wa bone o balelwa mo metseng e metona e borukutlhi jwa yone bo ileng magoletsa ka jalo ba tshwanetse go ikaga.
Mme Tshireletso o ne a kopa banni go emisa go bipa mpa ka mabele, ba bege dikgang tsa petelelo, bogodu jwa loruo, tiriso botlhaswa ya bana, go rekisiwa ga ditagi le tse dingwe tse di diragalang mo motseng wa bone tse di maswe.
A re banni ke bone ba rotloetsang dilo tse ka jalo nako e tsile ya gore ba eme ka dinao ba begele mapodisi mme dikgang tse di tswele kwa ntle.
O ne a ba tlhalosetsa gore puso ga mmogo le lefatshe ka kakakretso di a sokola e bile dilo tse di kgona go diga le yone itsholelo ya lefatshe, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go lwantsha dilo tse gore ba tshele sentle.
Fa a bua ka lephata la bong, mopalamente o ne kgothatsa banni bogolo jang bomme go tsenelela lenaneo le ka ke lone ba ka kgonang go itlhamela ditiro mme ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone.
A re puso e otlolotse letsogo mme ba kgona go tsaya lenaneo le motho a le nosi kgotsa ba ipopile ditlhopha mme le ba tswele mosola. BOPA
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2017






