Serinane o tlhomile Galeate kgosi
09 Jun 2013
Dibui kwa moletlong wa go tlhomamisa kgosi wa Serinane, Kgosi Malang Galeate bosheng di mo gakolotse go tshwaragana le morafe wa gagwe gore a kgone go busa ka botswerere.
Kgosi Malope wa bobedi wa Bangwaketse, yo e neng e le sebui kwa moletlong oo, o boleletse Kgosi Galeate fa a tsene mo tirong e e masisi e e tlhokang motho yo o iketlileng mo mogopolong, a bolela fa dikgwetlho tse a yang go kopana le tsone di se kana ka sepe.
O mo gakolotse go itlotla le go ikgapha mo go amogeleng pipa molomo le gore a sekele ditsheko tshotlhe mo kgotleng e seng kwa lwapeng ka go ka mo tsosetsa medumo.
Kgosi Malope II o kopile Kgosi Galeate go sa dire sepe ka go phasumela fela, bogolo jang fa a sa tlhaloganye sengwe, mme a botse ba ba golwane, a re go sa dire jalo go ka tlhakatlhakanya motse.
O kopile morafe wa Serinane go tlotla Kgosi Galeate gore le ene a ba tlotle ka go twe susu ilela suswane gore suswane le ene a go ilele.Kgosi wa Mantshwabisi, Kgosi Dikaelo Tsiang ene o ne a re go ema a tlhagisa Kgosi Galeate fa a tsile go dira le batho ba bantsi ba ba farologanyeng ka ditlhaloganyo, mme a tshwanetse a ba tsaya ka tekatekanyo ka e le ba gagwe botlhe.
A re a kope thuso le botlhale mo Modimong a etse kgosi Solomon wa Baebele, a kaya fa go busa ntle le go ikanya Modimo e le maithamako fela.
Rangwaneagwe Kgosi, Rre Kewetse Saborole ene o ne a kopa ngwana wa ga mogolowe go tlotla setilo sa bogosi, a mo kopa go utlwa molao le ditaelo tsa ba ba mo layang, a di bofelele mo thamong ya gagwe go busa a ikaegile ka tsone.
Fa a araba, Kgosi Galeate o ne bolela fa a utlwile ditaelo tsotlhe mme a tlaa ikanya Modimo gore o mo nonotshe.
O solofeditse go dira bojotlhe jwa gagwe le gone go sa swabise batho ba Serinane.
Gape o kopile banana go mo ikatumetsa, ba dire mmogo le ene ka e le bone baeteledipele ba kamoso.
Kgosi Galeate o tlhatlhama Kgosi Shoti Matlatso yo o tlhokafetseng ngwaga ono o simologa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : Kanye
Event : Go tlhongwa ga Kgosi
Date : 09 Jun 2013






