Go amusa ngwana ka lebele go botlhokwa
16 Jan 2017
Mothusa modulasetilo wa komiti ya tlhokomelo balwetsi kwa malwapeng kwa Shakwe mo kgaolong-potlana ya Mahalapye Botlhaba Mme Keitseope Ditshoto-Kemiso a re kamuso ka lebele ke yone konokono mo go tsiseng kgolo e e babalesegileng ya losea.
O buile mafoko a mo potsolosong le ba BOPA bosheng fa ba boloditse letsholo la go tsamaya le motse ba lekola bana le balwetse ka kakaretso kwa motseng oo bosheng.
A re go lebega go amusa ka lebele go itlhokomolositswe fela thata bogolo jang ke bomme ba e leng banana, a tlatsa ka gore bangwe ba tshaba go amusa ka lebele ba gopola gore go amusa go ka ba diga mabele mme ba senyegelwa ke bokgarebe.
O tsweletse a re kakanyo eo ga se nnete, mme mmangwana ke ene yo o nang le boikarabelo le tebelopele ka lesea la gagwe.
Mme o tshwanetse a nna motlotlo ka go nna le ngwana ga gagwe, mme a mo amuse ka pelo ya gagwe yotlhe ntle le dikakanyo dipe tse di duleng mo tseleng.
Gape a re tota go amusa ka lebele ke gone go dirang motho wa mme go nna lekgarebe go na le jaaka bangwe ba akanya.
O ne a tlhalosa gore ngwana yo o anyileng mashi a lebele o gola sentle go na le ngwana yo o anyang ka lebotlele, a tlatsa ka gore ba bongaka ba kgala thata kamuso ka lebotlele ka gore le fitlha leswe.
A re bana ba ba anywang ka lebele mmele wa bone o kgona go emelelana le malwetse a a tshwanang letshololo , mme e bile gape go nna le katumalano e e kwa godimo magareng ga lesea le mmaalo.
“Mosola wa kamuso ka lebele ke gore ngwana wa teng o na botlhale le kwa sekoleng,”a tlhalosa.
Gape o ne a tlhalosa fa mashi a lebele e le one fela dijo tse di tshwanetseng masea le bana ka a le phepa, a na le dikotla tsotlhe tse di tlhokwang ke ngwana e bile gape a na le masole a a ba sireletsang mo malwetsing a a ba tshabelelang.
O supile fa ka tshwanelo mo dikgweding tsa ntlha tse thataro masea a tshwanetse go tshela fela ka go amusiwa a bolela fa mo nakong eo go sa tlhokafale dijo dipe le fa e le one metsi tota.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa go na le mabaka a a mokawana a a kgonang go kgoreletsa kamuso ka lebele jaaka a a akaretsang go bereka le go nna le bokowa fela mme fa go kgonagalang teng ke gore ngwana a amusiwe ka lebele.
Mo bogologolong kamuso ka lebele e ne e tseetswe kwa godimo thata gape batsadi ba ne ba rotloetsa bana ba bone go amusa.
A tlatsa ka gore thotloetso ya kamuso ya lebele e wela kwa tlase ka go tlhoka bogakolodi jo bo neng mo malatsing a maloba bo rotloetsa kamuso ka lebele.
A re ke ka moo komiti ya tsa botsogo ya motse oo e boneng go le botlhokwa go nna ba tsamaya le motse go ruta le go rotloetsa setshaba gore ba amuse bana.
O tswelela a tlhalosa gore kamuso ka lebele e ka fokoletsa puso madi a e a dirisang go reka mashi ga mmogo le melemo ya bana ya malwetse a tshwana a letshololo le wa go tlhaela ga dikotla mo mmeleng.
“A re emeng ka dinao rotlhe re rotloetse mashi a lebele,”a tlhalosa.
Mme Kemiso o rotloeditse borre go tsaya boikarabelo jwa go rotloetsa bomme go amusa ka lebele, a tlatsa ka gore bomme ba tlhoka thotloetso e e tswang mo go botlhe gore ba kgone go amusa bana sentle ka tshosologo. BOPA
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Shakwe
Event : Potsolotso
Date : 16 Jan 2017






