Breaking News

Thuo ya Dihutshane e dira sentle

09 Jun 2013

Mogolwane wa ofisi ya tsadiso le tlhabololo ya leruo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o tlhalositse fa dihutshane tse di tshwanang le pudi di dira sentle e bile di ata kwa kgaolong eo. 

E rile a bua mo puisanyong le BOPA, Rre Kgang Mongale a tlhalosa fa barui ba kgaolo ya Letlhakeng ba itse go tlhokomela dihutshane e bile go lebega di ba solegela molemo ka bontsi jwa bone ba kgona go isa bana dikoleng ka go rekisa leruo ga mmogo le go ikinola mo lehumeng le le aparetseng lefatshe ka bophara.

O bile a tlhalosa fa mananeo a puso a a tshwanang le boLIMID,  lenyetso lehuma ga mmogo le a banana a thusitse thata ka barui ba rekisetsa ba ba batlang dihutshane ka bontsi. 

Rre Mongale o tlhalositse fa lephata le tsweletse ka go leka go thusa ka go bopa mokgatlho wa Kweneng Small Stock Association o barui ba tlaa ikopanyang ka one mme ba kgone go ithuta ka tlhokomelo leruo le gore le ka ba solegela molemo jang.

O supile fa lephata le ikaelela go ruta barui ba dihutshane go ruela kgwebo ga mmogo le go tshwara dibuka tsa kgwebo.

Rre Mongale o tlhalositse fa kgwetlho e barui ba dihutshane ba kgaolo ba kopanang le yone e le bolwetse jwa sekwape kana motshweetshwee jo bo simologileng ka  2010 jo bo bakwang ke dinwamadi di tshwana le matsetse.

O tlhalositse fa bolwetse jo gantsi bo tlhasela ka dinako tsa komelelo, bogolo jang mariga.

O bile a kopa barui go tipa diruiwa tsa bone le go di kenta mme ba dire tse tsotlhe ka fa ditaelong tsa bakenti gore e re fa bolwetse bo tla go wa ba bo ba setse ba eme sentle ka motsalwa pele a rile  mosele wa pula o epiwa go sale gale.

O ne a gakolola barui go dira dirubi ka dipudi tsa kgaolo di tsala thata mariga mo go rayang gore dipotsane di ka bolawa ke serame le dipula  ka e bile malatsi ano di sa ikanyege ka di ka bolaya dipotsane ba tloga ba sala ba iphotlhere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 09 Jun 2013