Ipelegeng e namola bontsi lehuma
09 Jun 2013
Lenaneo la Ipelegeng, le bolelwa fa le kgonne go namola Batswana ba le bantsi lehuma.
Seo se boletswe ke batho ba metse ya Mmaphashalala, Palla-road le Dibete ba boletse mo diphuthegong tse di neng di tshwerweke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso.
Ba re le fa dituelo tsa lenaneo le di sa tlhapise pelo, gone ba lebogela gore le ba thusitse go dira ditiro di le mmalwa tsa botlhokwa ka lone.
Ba boletse fa lenaneo la Ipelegeng le kgonne go bulela Batswana ba bantsi, segolo jang banana diphatlha tsa mebereko.
Mo diphuthegong tseo morafe o ne wa ngongorega ka koporase ya Water Utilities ba re e lopa madimadi ntswa metse ya bone tlhaelelwa ke metsi ka dinako tsotlhe.
Ba kopile lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye le Shoshong go potlakela go ba baya masimo gore ba kgone go akola mananeo a puso.
E rile Mme Tshireletso yo e bileng e le mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae a bua mo diphuthegong tseo a bolela fa maikaelelo a puso ka lenaneo la Ipelegeng e le go thusa batho ba magae ka ditiro go ba namola lehuma.
A re le fa setshaba mo dikgaolong tsa lefatshe leno se ngongoregela dituelo tsa Ipelegeng, puso e ne ya di oketsa go tswa mo go P400 go ya go P480 ka kgwedi.
Mme Tshireletso o tsweletse a bolelela batlhophi ba kgaolo ya gagwe fa puso e dumalane mo phuthegong e e fetileng ya Palamente go letlelela batho go dirisa lefatshe la temo-thuo ditiro tse di farologanyeng jaaka temo ya nosetso, thuo ya dikgomo tsa mashi, ya dinotshi, ya dikoko tsa mae le nama, ga mmogo le temo ya merogo le maungo.
Mopalamente o tlhalositse fa mengwe ya melao e e neng ya dumelanwa e akaretsa wa go tlhabolola lenaneo la ISPAAD le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa balemi go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi e bile ba ka bona dipoelo mo go tsone le molao o o letlelelang Batswana go adima madi mo dibankeng go aga matlo a puso e ka a hirisetsang badirela-puso.
A re puso e sweditse go duela beng ba diterekere P1 160 tema e e lemilweng, ya jwalwa le go egwa, mme a re ba ba sa ikemisetseng go lema ka ditselana puso ga e na go ba duelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jwabeng
Location : Maphasalala
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 Jun 2013






