Breaking News

Dihakaboy o a iphataphatela

15 Jan 2017

E re ka lefatshe la Botswana le agilwe ka go itirela, Batswana bangwe ba sa ntse ba tsweletse ka mowa oo.

E rile fa puso e lemoga gore bontsi jwa Batswana ba eletsa go dira mme ga ba na ditsompelo, ya tla ka mananeo a a itebagantseng le go thusa ba ba eletsang go ikapola lehuma le gone go tokafatsa matshelo a bone.

Lengwe la mananeo a a thusang Batswana kwa dikgaolong ke lenaneo la nyeletso lehuma.

Le fa go ntse jalo, Batswana bangwe bone ba itirela fela ntle le dithuso dipe ka jaana ba rata se ba se dirang e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo ditirong tsa bone.

Mo puisanong bosheng, monni wa Inalegolo, Rre Tsela Dihakaboy, wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro, o supile fa a sa ipone tsapa ka a sa ntse a le majato e bile a dumela mo go itireleng ka diatla.

Rre Dihakaboy o tlhalositse fa a tswa kgakala a suga matlalo go dira dikgole, ditlhako le mealo ya matlalo.

 “Ke godile ke bona bagolo ba suga matlalo, ka ke le motho yo o kelotlhoko, ke ne ka anywa botsipa jwa go suga ke sale monnye mme le gompieno ke ntse ke suga matlalo,” ga tlhalosa Rre Dihakaboy.

O ne a supa fa a thusitswe ke ba kereke ya Lutere go mo isa ko sekoleng sa Rural Industries Innovation Centre (RIIC) go ya go oketsa botsipa jwa gagwe jwa go suga matlalo ka ngwaga wa 1997.

A re o ithutile dibeke tse thataro mme e rile go fetseng ga gagwe, Kereke ya bowa seboaboane go mo thusa ka go mo rekela didirisiwa tsa go suga matlalo. Ba khansele ya Kgalagadi ka fa tlase ga lenaneo la Remote Area Development Programme (RADP) ba ne ba mo adima kago ya bone gore a simolole tiro ya gagwe.

Rre Dihakaboy a re e rile mo ngwageng o o latelang a sena go fetsa dithuto tsa gagwe, a simolola kgwebo ya gagwe.

O tlhalositse fa a ne a simolola go suga matlalo go dira ditlhako, dibeke tsa bomme, diaparo, diphate tsa Setswana, a re o tsaya matlalo a mo dintshong le mo manyalong.

A re dilwana tsa gagwe di ne tsa bona theko e e botoka fela thata mo Inalegolo le metse e e mabapi. O tlhalositse fa go rekisa matlalo e le kgwebo e e nyatsegileng mme e na le dipoelo fela thata e bile o ka se lale le tlala.

Rre Dihakaboy o tlhalositse fa disola tsa ditlhako di se motlhofo go bonwa mme se e nne kgwetlho mo tirong ya gagwe ga mmogo le go tlhoka botsogo dinako tse dingwe, kwa ntle ga moo kgwebo e tsamaya sentle.

A re o rotloetsa Batswana bogolo jang banana go inaakanya le kgwebo.

Le fa go ntse jalo a re e tlhoka bopelotelele le maikutlo a a iketlileng ka e tlhokana le go akanya mo go tseneletseng fa o dira ka matlalo e bile e batla o ikiteile sehuba.

A re kgwebo ya matlalo fa e ka tlhabololwa e ka tlhama mebereko mo lefatsheng leno le gone go fokotsa go rekwa ga dilwana tsa matlalo kwa mafatsheng a sele, a re kgwebo ya matlalo e ka rotloetsa go dira ka diatla le go itirela mo Batswaneng. BOPA

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : Inalegolo

Event : Potsolotso

Date : 15 Jan 2017